Masaitseweng A Senotswe



E sale gale mo bodireding jwa ga Mokaulengwe Branham go ne ga itsheka gore tsamaiso ya selekoko e ne e bopetswe gore e tsweletse pele makgotla a sedumedi, mme eseng Efangedi ya nnete. Mokaulengwe Branham o ne a dumela Baebele Lefoko go ya Lefokong, mme o ne a sa tle go tsenya sepe mo dipharagobeng, le fa go ne go raya gore go ka se tlhole go buiwa le go dirisana le ena ke badiri ka ena, ditsala, kgotsa lelwapa.

Fa a ne a santse a le leloko la Kereke ya Baptisti ya Boanamisa Tumelo, o ne bolelelwa go tshwaela badiredi ba basadi. Le fa go le jalo, o ne a itse Dikwalo sentle fela thata. I Timotheo 2:12 go tlhaloganyega motlhofo ya re, “Fela Nna ga ke dumelele mosadi go ruta, kgotsa go ikgapela maemo a taolo mo godimo ga monna, fa e se gore a nne mo tidimalong,” le I Bakorinthe 14:34 ya re, “A basadi ba lona ba didimale ka mo dikerekeng: ka gobane bona ga ba a dumelelwa go buwa…” Mona e ne e se sepe kgatlhanong le basadi, fela Baebele e ne e le e e ntsho le bosweu mo serutweng se. Motlhang topo ya bofelo e e sa botsweng e ne e neelwa, o ne a se kgone go tsenya sepe mo dipharagobeng ka jalo o ne a tlogela kereke.

Leo e ne e se Lokwalo lo le esi le le neng le itlhokomoloswa ke makoko. Morena o ne a senolela Mokaulengwe Branham boammaaruri ka ga kolobetso. Jesu o ne a tlaa laola jang gore, “Ke gone ka moo yaang, le bo le ruta ditšhaba tsotlhe, lo ba kolobeletsa mo leineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo,” le fa go le jalo kolobetso nngwe le nngwe e e gatisitsweng ka mo Baebeleng e ne e le mo Leineng la Jesu? Moapostolo Petoro ne a laela mo go Ditiro 2:38 go sokologa o bo o kolobetswa mo Leineng la Jesu Keresete. Makwalo a direla mo seoposengweng se se itekanetseng, fela go ne ga tsaya moporofeti go senola sephiri sena: “Rara” ga se leina, “Morwa” ga se leina, le “Mowa o o Boitshepo” ga se leina. Fela jaaka monna a le mongwe e le rrê wa bana ga gagwe, morwa wa batsadi ba gagwe, le morwarre wa bana ba batsadi ba gagwe, ntswa leina la gagwe e se “rra,” “morwa,” kgotsa “morwarre.” Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo ke ditlhogo tsa ga Leina la Jesu Keresete. Matheo 28:19 le Ditiro 2:38 di ne tsa tla mo kamanong e e itekanetseng.

Le e leng sebe sa kwa tshimologong ka mo Tshimong ya Etene se ne sa senolwa, eseng jaaka go nna leungo, fela sengwe se se boifisang mo go maswe go gaisa. Go ja setoki sa leungo se ne ka kgona jang go senola gone foo ko go Atamo le Efa gore ba ne ba sa ikatega? Gone go le motlhofo ga go dire tlhaloganyo. Ke eng se apole e nang le sone sa go dirisana le bosaikategang? Moporofeti wa Modimo ka go tlhaloganenya motlhofo o ne a senola sephiri sena.

Baengele ba go neng ga buiwa ka ga bone mo go Tshenolo 2 le 3 ke bo mang? Maina a bona a ka utlwala a tlwaetswe.

Bapagami ba masaitseweng ba dipitse mo go Tshenolo kgaolo ya bo 6 ke bo mang? Bona ba na le sengwe se le sengwe se se botlhokwa se ba neng ba se tlhakanetse.

A United States e a umakiwa ka mo Bukeng ya Tshenolo?

144,000 e e neng ya bolokesega ka mo kgaolong ya bo 7 ke bo mang?

Seaka se segolo sa kgaolo ya bo 17 ke mang? Bomang jwa mosadi yo le diphiri tsotlhe tseno di ne tsa senolwa ka mo Molaetseng wa moporofeti yona yo o maatla yo neng a rometswe go tswa Modimong.

Eseng fela gore metlholo e e senang palo e ne ya latela monna yona, fela masaitseweng a a fitlhegileng ka mo Baebeleng go ralala dipaka le one a ne a senolwa mo bodireding jwa gagwe. Go ne ga ranolega gore moporofeti yona o ne a diragatsa Dikwalo tse di fetang go na le Malaki 4.

Tshenolo 10:7: Fela mo metlheng ya lentswe la moengele wa bosupa, motlhang a tla simololang go utlwala, masaitseweng a Modimo a tla bo a weditswe, jaaka a boleletse batlhanka ba gagwe baporofeti.

Lentswe le goeletsa golo ko lefatsheng gore le tswe mo makokong mme le boele morago ko Lefokong la Modimo la kwa tshimologong. Mongwe le mongwe wa rona ka nosi o na le tšhono e Petoro, Jakobose, le Johane ba nnileng le yone. Re na le tšhono ya go balwa le ba ba mmalwa ba ba tlhophilweng ba Modimo ba ba sa tleng go obamela mekgatlo ya sedumedi ya motlha o.

Lokwalo lo lo Boitshepo le bolokile ka ga matshelo le ditiro tsa banna ba ba tsamaileng le Modimo ebile ba ne ba tloditswe thata ka Mowa wa Gagwe gore ba ne ba bua MORENA O BUA JAANA mo pontsheng, mme mafoko a bona a ne a tlhomamiswa ke ditshupo le metlholo e e sa foseng. Ba ne ba le baporofeti ba Modimo, le Lentswe la Modimo ko kokomaneng ya bona.

A dinako di farologane jaanong go na le ka fa di neng di ntse motlhang o Jesu a neng a le fano? E ne e le baeteledipele ba sedumedi ba ba neng ba Mmapola. Barutwa ba ne ba le bobotlanyana jo bonnyennye mo gare ga tsamaiso e tona ya sedumedi. Bona go ne go ilwa go buwa le go dirisana le bona, ba sotliwa, ebile kwa bofelong ba ne ba bolaiwa ka ntlha ya go tsaya kemo kgatlhanong le tsamaiso ya konokono ya selekoko. Re ka nna ra bo re sa bolaelwe ditumelo tsa rona gompieno, fela rona go tlhomame re a bogisiwa. Jaaka Bafarasai le Basadukai, ba ka se kgone go gana metlholo e e neng e latela bodiredi jwa Mokaulengwe Branham jalo he ba ne ba simolola go dirisa ditlhaselo tse dingwe. O ka nna wa utlwa gore o ne a le moporofeti wa maaka, moeteledipele wa ditumelwana di sele, kgotsa mo go maswe. Mo nneteng, ena o ne a le monna yo o boikobo wa Modimo yo neng a ema ka nitamo kgatlhanong le taolo e e sa ineeleng e makoko le ditumelwana di sele di nang le tsone mo godimo ga batho ba Modimo. Ba ne ba tlhasela Jesu ka tsela e e tshwanang motlhang A ne a ema kgatlhanong le dithuto tse di tlhomameng tsa bona tsa kereke le dingwao.

Modimo ne a tlotla ketleetsego ya Mokaulengwe Branham ya go dumela Lefoko lengwe le lengwe mo Baebeleng, ebile O dirisa bodiredi jwa gagwe go etelela didikadike tsa mewa ya botho ko go Jesu Keresete. Gompieno, Lentswe la Moengwele wa Bosupa le utlwalega kwa godimo jaaka Le kile la ba la dira. Go ka nna batho ba ba didikadike di le pedi lefatshe ka bophara ba dumela Molaetsa wa Mokaulengwe Branham. Mona go ka nna ga bo go le bobotlanyana jo bonnyennye jwa didikadike di le sekete tse di ithayang gore ke Bakeresete, fela ke leng mo batho ba Modimo ba nnileng ba se bobotlanyana?

Re na le dithero tse di fetang 1,200 tse di gatisitsweng tse di nang le Lentswe le le neng la porofetwa gore le tshwanetse go tla mo go Tshenolo 10:7. Nngwe le nngwe ka bonosi ya dithero tsena e lotlolola masaitseweng a Modimo. Lentswe leo le teng ka ntlha ya gago fa wena o etletseegile go Le utlwa.

 

MAIKGETHELO KE A GAGO

Le ka motsotso o le mongwe nna ga ke tlise molaetsa ko bathong gore ba tle ba ntatele, kgotsa ba ipataganye le kereke ya me, kgotsa ba simolole kabalano nngwe kgotsa lekgotla. Ga ke ise ke dire seo ebile nka se ka ka dira seo jaanong. Ga ke na kgatlhego epe mo dilong tseo, fela ke na le kgatlhego mo dilong tsa Modimo le batho, mme fa nna ke ka kgona go dira fela selo se le sengwe ke tlaa kgotsofala. Selo se le sengwe seo ke go bona go tlhomilwe botsalano jwa nnete jwa semowa magareng ga Modimo le batho, jo mo go jone batho ba fetogang go nna ditshedi tse dintšhwa mo go Keresete, ba tladitswe ke Mowa wa Gagwe ebile ba tshela go ya ka Lefoko la Gagwe. Ke tlaa laletsa, ke lope le go tlhagisa botlhe gore ba utlwe Lentswe la Gagwe ka nako eno, le bo le neele matshelo a lone ka botlalo ko go Ena, le e leng jaaka ke tshepa mo pelong ya me gore nna ke neetse gotlhe ga me ko go Ena. Modimo a lo segofatse, mme mma go tla ga Gagwe go itumedise pelo ya gago.

Moruti William Marrion Branham

 

 

 

Ka ntlha ya tshedimosetso e nngwe ka ga bodiredi jwa ga Moruti William Marrion Branham
le ka foo o ka amogelang dithero tsa gagwe, tsweetswee golagana le:

www.molaetsa.info

58 Disa Road, Admiral’s Park, Gordon’s Bay 7140 Western Cape
Republic Of South Africa
812-256-1177