Tshimologo



“Motlhang ke ne ke tsalwa ko ntlwananyaneng ya dikgong e nnye ko Khenthakhi golo koo, Moengele wa Morena ne a tsena ka letlhabaphefo a bo a ema foo. Go ne go na le Pinagare ya Molelo.”

Makuku a ne fela a simolola go tlhaga mo lefifing la loapi le le tsidifetseng la Moranang. Letlhabaphefo le le lengwe, la logong le ne le tlhatlogile go tsenya lesedi la mo mosong ka mo kamoreng e nnye ya ntlwananyana ya logong. Tswetlha e e neng e eme fa gaufi le letlhabaphefo e ne ekete e ne e gaketse bogolo segolo mo mosong ono mme e ne e opelelela kwa godimodimo ga makgwafo a yone. Ka mo gare ga ntlwananyana e e dirilweng ka logong, Charles Branham wa monana o ne a tsenya diatla tsa gagwe ka mo pareng e ntšhwa ya dioborolo tsa gagwe a bo a leba golo ko mosading wa gagwe wa mengwaga e le 15. “Re tlaa bitsa leina la gagwe William,” ne ga bua rre.

Ka mo letlhabaphefong go ne ga tsena Lesedi la bofetatlholego. Lesedi le ne la tsamaya go ralala kamore la bo le rakalala mo godimo ga bolao kwa lesea le neng le tsetswe. Lena e ne e le lone Lesedi le le neng la hudusa bana ba Bahebere go tswa kwa Egepeto. E ne e le Lesedi le le tshwanang le le neng la kgatlhantsha Paulo mo tseleng ya gagwe go ya Damaseko. Mme Le ne le tlaa tswelela go etelela lesea lena go biletsa Monyadiwa wa Keresete kwa ntle ga lefatshe. Lesedi leo e ne e se ope o sele fa e se Moengele wa Morena, Pinagare ya Molelo; mme Yone e ne gangwe gape e bonagetse ko bathong.

Mme teng foo, ka mo ntlwananyaneng e nnye ena ya dikgong, mo mosong oo wa Moranang ka di 6, mmelegisi o ne a bula letlhabaphefo gore lesedi le kgone go phatsimela ka mo teng go letlelela Mma le Ntate go bona se ke lebegang jaaka sone. Ne ga tloga ga tsena Lesedi le le neng le ka nna bogolo jwa mosamo le ferelela ka letlhabaphefo. Le ne le dikologa go dikologa kwa ke neng ke le gone, la bo le fologela mo bolaong. Ba le mmalwa ba batho ba kwa thabeng ba ne ba eme foo. Ba ne ba lela.

Legae le le boikobo le ne le le kwa dithabaneng tsa Khenthakhi borwa, gaufi le toropo e nnye ya Burkesville. E ne e le motlha wa ga Moranang 6, 1909. Lesea le e ne e le wa ntlha wa bana ba le lesome ba ba neng ba tlaa tsalwa ba Charles le Ella Branham.

E ne e se kgale pele ga Moengele wa Morena a ne a tlaa etela William Branham wa monana gape.

Fa a ne a le ngwana, Moengele ne a buwa le ena la ntlha, a bua gore o ne a ile go tshela botshelo jwa gagwe gaufi le motsemogolo o o bidiwang New Albany. O ne a tsena ko tlung a bo a bolelela mmaagwe se se neng se fetsa go diragala. Jaaka mma mongwe le mongwe, ga a a ka a akanya sepe ka ga polelo ya gagwe a bo a mo robatsa mo bolaong go ritibatsa ditshika tse dinnye tsa gagwe. Mengwaga e mebedi e e latelang, lelwapa la gagwe le ne la hudugela ko Jeffersonville, Indiana, fela dimaele di le mokawana go tswa kwa borwa jwa Indiana motsemogolong wa New Albany.

Moengele o ne a bua gape le moporofeti wa monana dinyaga di le mmalwa morago. E ne le letsatsi le le didimetseng la Lwetse le letsatsi le le bothitho le phatsima mo gare ga matlhare a a tletseng mebala a legwetla. Mosimane o ne a tlhotsa jaaka a ne a rwele dikgamelo tse pedi tsa metsi go fologa ka mmila. Setlhotlha sa mmidi se ne se bofeletswe ka fa tlase ga mono wa gagwe o o gobetseng go o tshola kwa ntle ga leswe. O ne a dula fatshe go itapolosa fa tlase ga moriti wa setlhare se se tona sa popolare. Dikeledi di ne di elela go tswa mo matlhong a gagwe ka a ne a lela ka ga botlhoka tshego jwa gagwe: Ditsala tsa gagwe di ne di ijela monate kwa mosimeng wa fa gae wa go tshwara ditlhapi, mme ena o ne a tshwaregile a gela rraagwe metsi. Ka tshoganetso, phefo e ne ya simolola go dikologa mo setlhareng kwa godimo ga gagwe. O ne a phimola matlho a gagwe a bo a ema mo dinaong tsa gagwe. O ne a utlwa modumo wa matlhare a foka mo moweng…fela go ne go sena phefo. O ne a lelalela godimo, mme go ka nna bokgakala jwa halofo go ya kwa godimo ga setlhare sa popolare, sengwe se ne se dikolosa matlhare a a omeletseng.

Ka tshoganetso Lentswe le ne la bua, “O seka wa nwa nnotagi kgotsa wa goga kgotsa wa itshekolola mmele wa gago ka tsela epe, go tlile go nna le tiro gore o e dire fa o le mogolwane.” Mosimane yo tshogileng wa dinyaga di le supa o ne a latlha diemere tsa gagwe a bo a sianela ko go mmaagwe.

Jaaka moporofeti Samuele, Modimo o ne a buile gape le ngwana.

Dibeke di le mmalwa morago, o ne a tshameka dimmabole le monnawe. Kutlo e e sa tlwaelesegang e ne ya tla mo go ena. O ne a lebelela golo ka kwa borogong jwa Noka ya Ohio a bo a bona borogo jo bontle. Banna ba le lesome le borataro ba ne ba wela kwa losong lwa bona jaaka borogo bo ne bo kgabaganya noka. Moporofeti wa monana o ne a bone ponatshegelo ya gagwe ya ntlha. O ne a bolelela mmaagwe, mme o ne a kwala polelo ya gagwe. Mengwaga morago, banna ba le lesome le borataro ba ne ba wela kwa losong lwa bona jaaka borogo jwa Second Street ko Louisville, Khenthakhi bo ne bo agiwa kwa godimo ga Noka ya Ohio.

Morena o ne a mmontsha diponatshegelo tsa isago. Mme jaaka baporofeti kwa pele ga gagwe, diponatshegelo ga di ise di palelwe.