Moporofeti?



Mo Baebeleng, Modimo o tlhotse a tlisa Molaetsa wa Gagwe ko bathong ba lefatshe ka moporofeti wa paka. O ne a bua le Moshe ka setlhatshana se se tukang a bo a mo naya thomo ya go etelela pele Bahebere go tswa ko Egepeto. Pinagare ya Molelo e e bonalang le ditshupo tse dingwe di ne tsa neelwa go rurifatsa bodiredi jwa gagwe. Johane Mokolobetsi o ne a tlisa Molaetsa o o neng o baakanyetsa lefatshe go tla ga Mesia. Fa a ne a santse a kolobetsa Morena Jesu ko Nokeng ya Jorotane, Lentswe go tswa Legodimong le ne la tlhomamisa thomo ya ga Johane go itsise Kwana ya Modimo, “Yona ke Morwaake yo o rategang, yo mo go ena ke itumelang thata.” Dinyaga morago, Lentswe la Morena le ne la utlwiwa gape le bua le moporofeti motlhang A ne a bua le Paulo mo Leseding le le fatlhang, mme morago ne la mo naya thomo ya go tlhoma dikereke mo tolamong. Go ralala Kgolagano e Ntšhwa le e Kgologolo, Modimo ga a ise a ko a bue le batho ba Gagwe ka tsamaiso ya selekoko kgotsa mokgatlho wa sedumedi. Ena o nnile ka gale a bua le batho ba gagwe ka motho a le mongwe: Moporofeti wa Gagwe. Mme O ne a rurifatsa baporofeti bana ka ditshupo tsa bofetatlholego.

Fela ga tweng ka ga gompieno? A Modimo o santse a senola Lefoko la Gagwe ko baporofeting? A go santse go na le ditshupo tsa bofetatlholego? A Modimo a ka romela moporofeti wa segompieno mo lefatsheng? Karabo go tlhomame go feta thata ke, “Ee!”

Fela re tlaa itse jang motlhang moporofeti a tlhagelelang? Ena o tlaa lebega a le jang? O tlaa itshola jang? Ke lotshwao le feng le a tlaa re le nayang? Ke Dikwalo difeng tse a tlaa di diragatsang?

Baporofeti ba kgale ba ne ba le banna ba ba pelokgale ba Modimo, mme ba ne ba sa boife go ema kgatlhanong le makgotla a sedumedi. Ka nnete, bona ba ne ka gale le gale ba batlile ba tlhapaola ke baruti. Elia o ne a gwetlha makgotla a sedumedi a motlha wa gagwe, a ba botsa fa e le gore Modimo o tlaa tlhompha tshupelo ya bona, kgotsa ya gagwe. Ba ne ba thela loshalaba. Ba ne ba porofeta. Ba ne ba tlolela mo godimo ga aletare. Ba ne ba itshega ka dithipa. Fela Modimo o ne a sa ba utlwe. Elia o ne a lebelela kwa Legodimong a bo a re, “A go itsiwe letsatsi leno gore wena o Modimo mo Iseraeleng, le gore nna ke motlhanka wa gago, ebile nna ke dirile dilo tsotlhe tsena go ya ka lefoko la gago.” O ne a tloga a bo a bitsa molelo go tswa Legodimong go fisa tshupelo. Mika moporofeti o ne a itshokela Kgosi ya Iseraele, le boruti jo bo feletseng, motlhang a ne a kgalema Moperesiti yo Mogolo Sedekia ka ntlha ya go porofeta leaka. Moperesiti yo Mogolo ne a mo itaya mo sefatlhegong mme Kgosi e ne ya mo golega ka ntlha ya go bua boammaaruri. Le e leng Morena Jesu o ne a tlhoilwe thata jalo ke makgotla a sedumedi a motlha wa Gagwe gore ba ne ba Mmapola go bapa le dirukhutli tse di pelompe go gaisa thata. Fa ditso di tsepame ka nnete, moporofeti o ne a tlaa ilwa ke tsamaiso ya selekoko ya segompieno, mme o ne a tlaa bidiwa moikeodi, moporofeti yo o seng ene, kgotsa mo go maswe go feta. Fela Modimo o ne a tlaa ema go tshegetsa motlhanka wa Gagwe.

Fa go ka bo go ne go na le moporofeti mo motlheng ona wa segompieno, o ne a tlaa amogelwa jang ke Kereke ya Khatholike? Kereke ya Baptisti? Kereke ya Lutere? Lekoko lengwe le lengwe?

Morena Jesu o ne a roma botlhe ba ba Mo dumelang: “Mme ditshupo tsena di tlaa ba latela ba ba dumelang; Mo leineng la me ba tlaa kgoromeletsa bodiabolo ntle; ba tlaa bua ka diteme tse dintšhwa; Ba tla tsholetsa dinoga; mme fa ba nwa sepe se se bolayang, ga se tle go ba bolaya; ba tla baya diatla mo go ba ba lwalwang, mme bona ba tlaa tsoga.” (Mareko 16:17-18). A Lokwalo lena ke nnete gompieno? Fa le se nnete, Ke leng mo Mafoko a Morena a neng a se tlhole a dirisiwa? Ka nako yotlhe go ralala Baebele, baporofeti ba ne ba kgona go fodisa balwetsi, go kgoromeletsa bodiabolo ntle, le go diragatsa metlholo. Moshe ne a baya noga ya kgotlho mo pele ga batho ba Iseraele go ba fodisa mo go lomiweng ke dinoga tse di nang le tšhefi (Dipalo 21:9). Namane, Mosiria yo o nang le maatla, ne a tla ko go Elisha go fodisiwa lepero (II Dikgosi 5:9). Erile lekau lengwe le ne le wela losong lwa lone go tswa ko letlhabaphefong la ko bonnong jo bo kwa godimo, moapostolo Paulo ne a mo kamatlela a bo a busetsa botshelo ka mo mmeleng o o suleng (Ditiro 20:10). Re na fela le rekhote ya go batlile go nna mengwaga e le 3½ ya botshelo jwa Morena wa rona Jesu, fela ka nako ya mengwaga e mokawana eo, O ne a fodisa ba ba lwalang ka malatsi otlhe. Difofu di ne tsa dirwa gore di bone. Balepero ba ne ba fodiswa. Disusu di ne tsa amogela kutlo ya bona. Ditlhotsa di ne di tsamaya. Mohuta mongwe le mongwe wa bolwetse o ne o fodisiwa (Matheo 4:23).

Modimo o ne gape a rurifatsa baporofeti ba gagwe ka ditsela tse dingwe kwa ntle ga diphodiso. Le e leng diphiri tsa pelo tse di neng di sireleditswe thata di ne di itsisiwa ko banneng bana ba Modimo. Kgosi Nebukatenesare o ne a na le toro e e neng e tlhobaetsa, fela o ne a sa kgone go gakologelwa gore e ne e le ka ga eng. Moporofeti Daniele o ne a bolelela kgosi tsoopedi toro le seporofeto se se neng sa latela (Daniele 2:28). Ga go sepe se se neng se fitlhetswe Solomone fa Kgosigadi ya Sheba e ne e tla kwa pele ga gagwe. O ne a tletse ka Mowa thata mo e leng gore o ne a mmolelela dipotso tsa pelo ya gagwe pele a di botsa (I Dikgosi 10:3). Elisha o ne a bolelela Kgosi ya Iseraele maikaelelo otlhe a Kgosi ya Siria, le e leng mafoko a kwa sephiring a a neng a bolelwa ko kamoreng ya gagwe ya borobalo (II Dikgosi 6:12).

Ka ditiro tse e leng tsa gagwe, Morena Jesu kgapetsa kgapetsa o ne a bontsha gore Mowa ona wa temogo ke Mowa wa Keresete. O ne a lemoga tlholego ya ga Nathanaele fa A ne a re, “Bonang Moiseraele ka mmannete, yo go senang boferefere bope mo go ena!” Mme Jesu o ne a tswelela go bolelela Nathanaele kwa a neng a le gone fa Filipo a ne a mmolelela ka ga Mesia (Johane 1:48). Erile Nathanaele a ne a bona gore Jesu o ne a itse pelo ya gagwe, o ne a mo lemoga gone fela foo gore ke Keresete. Lekgetlo la ntlha fa Jesu a ne a bona Petoro, O ne a mmolelela leina la ga rraagwe, Jona (Johane 1:42). Petoro foo o ne a tlogela tsotlhe a bo a latela Jesu botshelo jwa gagwe jo bo neng bo setse. Jesu ne a kgatlhana le mosadi wa Mosamarea kwa sedibeng a bo a mmolelela ka ga maleo a gagwe a a fetileng. Mafoko a gagwe a ntlha a ne a le, “Rra, ke lemoga gore wena o moporofeti” (Johane 4:19). Botlhe batho bana ba le bararo ba ne ba tswa kwa metsamaong e e farologaneng ya botshelo, le fa go le jalo bona gona fela foo ba ne ba lemoga Jesu fa A ne a bontsha neo ya temogo.

A neo ena e ne ya nyelela motlhang letlhare la bofelo la Baebele le ne le kwadilwe? Fa metlholo eno e kwadilwe mo go tlhaloganyegang motlhofo jaana ka mo Baebeleng, yone e kae gompieno? Moporofeti wa metlha ya segompieno ka tlhomamo o tlaa rurifadiwa ka metlholo.

A Modimo o lebetse batho ba Gagwe? A O santse a kgona go fodisa ba ba lwalang? A O santse a bua le rona ka baporofeti ba Gagwe? A go na le ope wa baporofeti yo o neng a bonelapele letsatsi leno?

A go na le diporofeto tse di santseng di tshwanetswe go diragadiwa ka nako e?