Tsholofetso Ya Moporofeti Mo Metlheng Ya Bofelo



One mafoko a bofelo a a kwadilweng ka mo Kgolaganong e Kgologolo a naya tsholofetso ena: “Bonang, Ke tlaa lo romela moporofeti Elia pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le le boifisang la MORENA: Mme ena o tla sokololela pelo ya borrabana ko baneng, le pelo ya bana ko go ya borrabo, esere ka tla ka itaya lefatshe ka phutso.” (Malaki 4:5-6)

Letsatsi le legolo le le le boifisang la Morena le santse le tshwanetse gore le tle, go raya gore re tshwanetse re solofeleng ka bopelophepa go tla ga moporofeti Elia. Ka mo Baebeleng, baporofeti ga ba a ka ba tla ko makgotleng a sedumedi a kakanyo e e tumileng. Ba ne ba tla ko ba ba faphegileng ba ba mmalwa. Gopola fa moporofeti wa Malaki 4 a ne a tlile, mme a ne a sa bonwa. Go ka tweng fa a ne a le jaaka baporofeti ba bogologolo, mme go le fela batho ba ba tlalang seatla ba ba mo lemogang? Fa moporofeti yona a tshwanetse go boa mo motlheng wa bofelo, re tlaa mo itse jang? Karabo e bonwa ka go tlhologanyega motlhofo mo Dikwalong. O tlaa nna le tlholego ya moporofeti. O tlaa itse diphiri tsa pelo. O tlaa diragatsa metlholo. Makgotla a sedumedi a tlaa leka go mo tlontlolla. Fela go tlaa nna le ba ba tlhophilweng ba ba mmalwa ba ba tlaa mo lemogang jaaka morongwa wa motlha yo o solofeditsweng.

Re tlaa itse jang motlhang Elia a boang? Ke mekgwa efe e a tlaa e bonatshang gore rona re kgone go mo lemoga?

Elia o ne a le monna wa kwa nageng. Ditshupo tse di tona di ne di latela bodiredi jwa gagwe. O ne a rera kgatlhanong le maswe a motlha wa gagwe. Ena bogolo segolo o ne a rera kgatlhanong le tshokamo ya Kgosigadi Jesebele. Motlhang Elia a ne a tseelwa kwa Legodimong mo kareng ya dipitse ya molelo, mowa wa gagwe o ne wa wela mo go Elisha. Ditshupo tse dikgolo le dikgakgamatso di ne tsa latela tsa supa bodiredi jwa ga Elisha, mme gape o ne a rera kgatlhanong le maleo a lefatshe. Baporofeti boobabedi ba ne ba ema ba le esi kgatlhanong le makgotla a selekoko a motlha oo. Mengwaga e le makgolo e e latelang, mowa o o tshwanang o ne wa boela mo lefatsheng ka mo go Johane Mokolobetsi. Moporofeti Malaki o ne a bolelelapele gore Elia o ne a tlaa boa go itsise Morena: “Bonang, Ke tlaa romela morongwa wa me, mme ena o tlaa baakanya tsela fa pele ga me…” (Malaki 3:1). Johane Mokolobetsi o ne a nna popego ya nnete ka a ne a biletsa tshokologo mo gare ga bana ba Modimo. Jaaka Elia, o ne a rera kgatlhanong le kgosi le makgotla a segompieno a sedumedi. Morena Jesu o ne a tlhomamisa gore Johane Mokolobetsi e ne e le moporofeti wa Malaki 3 mo Bukeng ya ga Matheo (11:10): “Gonne yona ke ena, yo ka ena go kwadilweng, Bonang, Ke romela morongwa wa me fa pele ga sefatlhego sa gago, yo o tlaa baakanyang tsela fa pele ga gago.” Luka 1:17 ya re mowa wa ga Elia (Eliase) o ne o tshwanetse go nna mo go Johane Mokolobetsi, “Mme ena o tla tsamaya fa pele ga gagwe ka mowa le thata tsa ga Elia, go sokolela dipelo tsa borrabana ko baneng.” Fela lemoga gore karolo ya bobedi ya ga Malaki 4 e ne e santse e tshwanetswe e diragadiwe: “…le pelo ya bana ko go borraabona, e se re Ka tla ka itaya lefatshe ka phutso.” Karolo eo ya Lokwalo e tlaa diragala pele ga go Tla ga Bobedi ga Keresete.

Mengwaga e le dikete tse pedi morago ga Johane Mokolobetsi, ke nako gape ya gore mowa wa ga Elia o boele mo lefatsheng.

Letsatsi leo le tlile! Mo motlheng ono, re bone mowa wa ga Elia o boa. O ne a gana go obamela tsamaiso ya selekoko ya segompieno. O ne a ema kgatlhanong le maleo a lefatshe. O ne a bonatsha ditshupo le dikgakgamatso tse di senang palo. O ne a rera Baebele lefoko ka lefoko go tloga mo go Genesi go ya ko go Tshenolo. Moporofeti wa Malaki 4 ne a tla jaaka go ne go solofeditswe, mme o ne a tlisa Molaetsa go tswa Teroneng ya Modimo Mothatayotlhe. Leina la moporofeti yoo ke William Marrion Branham. Re mmitsa “Mokaulengwe Branham.”

“William Branham, yo ke neng ke mo rata ebile ke ne ke dumela go bo a le moporofeti wa Modimo.”

Oral Roberts, moefangedi yo o itsegeng kae le kae mo lefatsheng ebile e le mosimolodi wa Unibesithi ya Oral Roberts.

“William Branham o ne a tla tseleng ya rona jaaka moporofeti wa Modimo a bo a re supegetsa mo ngwagakgolo wa masome a mabedi ka bolotwe dilo tse di tshwanang tse di neng di bonaditswe mo Makwalong…Modimo o etetse batho ba Gagwe, gonne moporofeti yo mogolo o ne a tlhatlogile mo gare ga rona.”

Dr. T.L. Osborn, moefangedi wa Mopentekoste le mokwadi yo o nang le bokgoni.

“Pele ga go rapelela motho, o ne a tle a neele dintlha tse di tsepameng tse di amanang le matlhoko a motho, le gape dintlha ka matshelo a bona - legae la matsalo a bona, ditiragatso, ditiro - le e leng kgakala morago kwa bonaneng jwa bona. Branham le gangwe ga a ise a dire phoso ka lefoko la kitso mo mengwageng yotlhe e ke neng ke na le ena. Moo go akaretsa, mo seemong sa me, dikete tsa dikai.”

Ern Baxter, moefangedi, motsamaisi wa Matsholo a Branham ka mengwaga e le supa, ebile e le mongwe wa baeteledi pele ba British New Church Movement.

Motho ga a ise a tlhotlheletse lefatshe ka tsela e e bonagalang jaana esale Morena Jesu Keresete a tsamaya mo lefatsheng. Go tswa kwa tshimologong e e boingotlo ko ntlwananyaneng e le nngwe e e dirilweng ka dikgong ko dithabaneng tsa Khenthakhi, go ya ko Amarillo, Theksase, kwa Morena a neng a mo tseela Gae, botshelo jwa gagwe bo ne jwa tshwaiwa ka nako yotlhe ke ditiragalo tsa bofetatlholego. Ka kaelo ya Moengele wa Morena ka 1946, bodiredi jwa ga Mokaulengwe Branham bo ne jwa ntsha tlhase e e neng ya tlhasinya lebaka la ditsosoloso tse di tona tsa phodiso tse di neng tsa anama mo Amerika le go dikologa lefatshe. Go fitlha mo letsatsing leno, o ne a dumelwa ke bakwala ditso ba Bakeresete e le “rrê” le “motlhotlheletsi” wa ditsosoloso tsa phodiso ya bo 1950 e e neng ya fetola Kereke ya Pentekoste mme ka tsela e e bonagalang kwa bofelong e e neng ya tsala Charismatic movement, o gompieno o tlhotlheletsang go batlile go nna lekoko lengwe le lengwe la Protestante. Le fa go le jalo, go le nnete go ya ka popego ya gone, makoko a tlhokomologa dithuto tsa gagwe le go gana thomo ya gagwe.

Le fa e le kae kwa a neng a ya gone, Modimo o ne a tlhomamisa gore Mokaulengwe Branham ke moporofeti wa kokomana ena. Jaaka Jobe, Morena o ne a bua le ena ka mo setsuatsueng. Jaaka Moshe, Pinagare ya Molelo e ne ya bonwa e mo etelela pele. Jaaka Mika, o ne a kgoba ke ba e leng baruti. Jaaka Elia, O ne a le monna wa kwa bogareng ga naga. Jaaka Jeremia, o ne a roma ke Moengele. Jaaka Daniele, o ne a bona diponatshegelo tsa isago. Jaaka Morena Jesu, o ne a itse diphiri tsa pelo. Ebile jaaka Paulo, o ne a fodisa ba ba lwalang.

Morena o ne a etetse batho ba Gagwe gape ka moporofeti. Mo nakong e e lefifi bogolo go gaisa mo ditsong, kwa mo go sa letlelesegang go ne go tebetse kwa boteng jo bo neng bo ise bo bonwe pele le dibetsa tsa kganyaolo ya boidiidi di neng di bonala kwa kgaleng, monna yo o ingotlileng o ne a romelwa go tswa kwa bolengteng jwa Modimo go biletsa lotso le le swang tshokologong.

Morutwa yo o ratiwang Johane ne a kwala ka ga Morena Jesu:

Mme gape go na le dilo di le dintsi tse dingwe tse Jesu a neng a di dira, tse e leng gore, fa nngwe le nngwe e tshwanetswe e kwadiwe, ke gopola gore le e leng lefatshe ka bolone le ne le ka se kgone go tshola dibuka tse di neng di tshwanetswe di kwadiwe. Amen. (Johane 21:25).

Se se tshwanang se ka bolelwa ka ga botshelo jwa ga Mokaulengwe Branham. Go na le dithero tse di fetang 1,200 tse di theipilweng di na le dikete tsa dipolelo ka ga botshelo jwa monna yona yo o pelokgale. Ntswa go le jalo re tswelela re utlwa bopaki ka ga tlhotlheletso ya gagwe mo matshelong a didikadike tsa batho. Bukana ena e ka se kgone go kgwara le ka motlha o le ope bodilo jwa ditlamorago tse monna yona wa Modimo a nnileng le tsone mo lefatsheng.