Malaki 4:1

Gonne, bonang, letsatsi le etla, le le tla tukang jaaka leubelo…


Malaki 4:5-6

Bonang, Ke tlaa lo romela elia Moporofeti pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le boifisang la MORENA:
Mme o tla sokollela pelo ya borraabana ko baneng, le pelo ya bana ko go borraabo, Esere ka tla Ka itaya lefatshe ka phutso.


Buka ya bofelo ya Kgolagano e Kgologolo e solofetsa tshenyo ya lefatshe. Fela pele ga bokhutlo, Elia moporofeti o boleletswe pele gore o tshwanetse go boa a bo a itsese Mesia. Bangwe ba bua gore Johane Mokolobetsi o diragaditse seporofeto sena.

Mengwaga e le dikete di le pedi tse di fetileng, Majuta a ne a solofetse gore Mesia a tle. Ba ne ba itse gore Malaki o porofetile gore monna ka mowa wa ga Elia o ne a tlaa itsise Mesia ko go bona. Fela erile fa Johane Mokolobetsi a ne a tla, o ne a se se ba neng ba solofetse gore Elia o tshwanetse go nna sone. Fa ba ne ba botsa Jesu ka ga gore gobaneng Elia a ne a ise a tle pele, O ne a ba bolelela go papametse gore Johane o ne a le tiragatso ya seporofeto seo: “Mme fa lo tlaa go amogela, yona ke Eliase, yo neng a tshwanetse go tla.” (Eliase ke Popego ya Segerika ya leina, Elia.)

E ne e le fela setlhopha se sennye sa batho se se neng sa amogela tshenolo ena. Ko go ba le bantsi thata ba baeteledi pele ba sedumedi, Johane o ne a se mo go fetang mokgadi yo o tlhwaafetseng thata go feta wa makgotla a bona. Ga ba a ka fela ba se lemoge mowa wa ga Elia, fela mo go maswe, ba ne gape ba se kgone go bona go Tla ga Keresete.

Jalo he a Johane Mokolobetsi o ne a diragatsa seporofeto sa ga Malaki? Eseng ka botlalo.

Santlha, lefatshe ga le ise le “tuke jaaka leubelo” ka nako e, jalo he re itse gore mo bobotlananyaneng karolo ya ga Malaki 4 e santse e tshwanetse e diragale. Karolo e nngwe ya Lekwalo e e neng e sa diragatswa ke Johane e ne e le, “go sokollela pelo ya bana ko go borraabo.” Mme, Jesu, ka Boene, ne a porofeta gore Elia o tla (bokamoso) tla a tsosolose dilo tsotlhe. (Matheo 17:11)

Ke gone ka moo re tshwanetseng re bo re solofeletse Elia pele ga go Tla ga Bobedi ga Keresete!

Jaanong, mo motlheng ono wa segompieno, ke nako ya go Tla ga Bobedi ga Morena Jesu. Gape, rona re solofeditswe gore mowa wa ga Elia o tlaa Mo itsise mo go rona go ya ka Malaki 4. Fela ke setlhopha sefe sa batho se se tlaa lemogang Elia motlhang a tlang? Fela bao ba ba mo solofetseng.

Mafoko ano a Morena le Mmoloki wa rona a tla mo monaganong fa re akanya ka ga seporofeto sa ga Malaki mo dioureng tseno tse di tswalang tsa nako:

Fela Ke lo raya ke re, Gore Elia o setse a tlile, mme ga ba a ka ba mo itse… Matheo 17:12

Go ka tweng fa re ka se kgone go bona go tla mona ga Elia? A rona ka ntlha eo re tla se kgone go bona go Tla ga Bobedi ga Keresete, jaaka bakwadi le Bafarasai ba neng ba se kgone go bona go Tla ga Gagwe ga Ntlha ka gobane ga ba a ka ba kgona go lemoga Johane Mokolobetsi?

 

 

 

 

Metswedi

2 Dikgosi 2:15

Mme ya re barwa ba baporofeti ba ba neng ba lebaganye nae kwa Jerikho ba mmona, ba ne ba re, Mowa wa ga Elia o m o go Elisha. Mme ba ne ba tla go mo kgatlhantsha, mme ba mo ikobela fa fatshe mo pele ga gagwe.

Isaia 40:3-4

Lentswe la yo o bitsang ko bogareng ga naga la re, Baakanyang tsela ya MORENA, lo siamisetse Modimo wa rona tsela-kgolo mo sekakeng.

Dikhuti tsotlhe di tla katelwa, le dithaba tsotlhe le dithabana di tla kokobediwa: ebile fa go sokameng go tlaa lolamisiwa, le mafelo a magwata a tlaa papanwa: [Johane Mokolobetsi]

Malaki 3:1

Bonang, Ke tlaa lo romela morongwa wa me [Johane Mokolobetsi], mme o tlaa baakanya tsela fa pele ga me: mme Morena, yo lo mo senkang, o tla tla mo tempeleng ya gagwe ka tshoganetso, ebong morongwa wa kgolagano, yo lo itumelang mo go ena: bonang, o tla tla, go bua MORENA wa masomosomo.

Malaki 4:1-6

Gonne, bonang, letsatsi le e tla, le le tla tukang jaaka leubelo [ga go ise go diragale ka nako e]; mme botlhe ba ba ikgogomosang, eya, le botlhe ba ba dirang tsa boikepo, ba tla nna dirite: mme letsatsi le le tlang le tla ba fisa, go bua MORENA wa masomosomo, gore le ka se ba tlogelele modi le e seng kala.

Fela lona ba lo boifang leina la me Letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme lo tla bolola, lo gola jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.

Mme lo tla gataka baikepi; gonne ba tla nna melora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke tlaa dirang selo se ka lone, go bua MORENA wa masomosomo.

Gakologelwang molao wa ga Moše motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, le ditaolo le ditaelo.

Bonang, Ke tlaa lo romela Elia moporofeti pele ga go tla ga letsatsi le le golo le le le boifisang la MORENA:

Mme o tla sokololela pelo ya borrabana mo baneng ba bona [Johane Mokolobetsi], le pelo ya bana kwa go borraabo [Elia wa segompieno], e se re gongwe ka tla mme ka itaya lefatshe ka phutso.

Matheo 11:10

Gonne yo ke ene, yo go kwadilweng ka ga gagwe ga twe: Bona, ke roma morongwa wa me fa pele ga gago, yo o tla baakanyang tsela ya gago fa pele ga gago. [Malaki 3:1, Johane Mokolobetsi]

Matheo 11:14

Mme fa lo tlaa go amogela, yona ke Eliase, yo neng a tshwanetse go tla. [Johane Mokolobetsi]

Matheo 17:11-12

Mme Jesu ne a araba a ba raya a re, ka nnete Eliase o tla tla pele, a bo a tsosolosa dilo tsotlhe. [Elia wa segompieno]

Fela ke lo raya ke re, Gore Eliase o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, fela ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng. [Johane Mokolobetsi] Ka tsela e e tshwanang Morwa motho le ene o tla bogiswa ke bona.

Luka 1:17

Mme o tla mo etelela pele ka mowa le ka thata ya ga Eliase, go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena setšhaba se a se etleeleditsweng. [Johane Mokolobetsi]