Tse di latelang ke dipotso dingwe tse re di amogetseng malebana le bodiredi jwa rona. Fa, morago ga go bala tseno, o santsane o na le potso ka ga diteng tsa webosaete ena, tsweetswee re romelele imeile kwa answers@themessage.com.

 

Polelo ya gago ya tumelo ke efe?

Re ka re thuto ya kereke ya rona ya “semmuso” ke Baebele, go tloga kwa go Genesi go ya ko go Tshenolo. Polelo ya rona ya tumelo e ka akaretswa jaana: Ga go thuto epe ya tumelo fa e se Keresete; ga go molao ope fa e se lorato; ga go buka epe fa e se Baebele.

Ke setse ke le Mokeresete. A tshedimosetso mo webosaeteng eno ka nnete e botlhokwa mo go nna?

Ee! Bakeresete ba tshwanetse ba dumele Lefoko lotlhe la Modimo; leo ke lebaka re yang kerekeng mme re balang Dibaebele tsa rona. Goreng o tshwanetse o dumele karolo ya Baebele e e reng Jesu o swetse maleo a rona, mme o tlhokomologe ka fa boleo bo simolotseng ka gone ko Tshimong ya Etene?

Ke dumela gore se ke se badileng ke boammaaruri. Nna ke ipataganya jang?

Mmele wa Keresete ga se thulaganyo ya tumelwana ya tsa bodumedi kgotsa lekoko, mme ditlhoko di le esi go nna leloko ke gore o dumele mo go Morena Jesu. O se tshwenyege ka ga go nna le mokwalo o o supang gore o mang kgotsa go tlatsa dipampiri le puso ya kereke. Dumela fela Lefoko, mme Morena o tlaa tlhokomela tse dingwe tsotlhe.

A lona lo kereke?

Rona ga re thulaganyo ya kereke, fela re direla dikete tsa dikereke le didikadike tsa batho ka bonosi go dikologa lefatshe ka go ba tlamela ka didirisiwa tsa bodumedi. Thomo ya rona ke go kgothatsa batho go atamela gaufi le Morena Jesu ka go dira gore Efangedi ya Gagwe e be teng ko go mongwe le mongwe mo godimo ga lefatshe.

Ke batla go kolobetswa. Jaanong ga tweng?

Fa o sa kgone go fitlhela mongwe go go kolobetsa ka Leina la Morena Jesu Keresete, re romelele imeile e na le lefelo la gago mme re tlaa go romelela nankolo ya dikereke mo kgaolong ya gago tse di ka go kolobetsang sentle. Gakologelwa, go ya ka Baebele go botlhokwa gore o kolobeletswe ka Leina la Jesu, mme eseng ka ditlhogo tsa Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo.

A o akanya gore nna ke timetse ka gore ke Mokhatholike kgotsa leloko la lekoko le lengwe?

Morena Jesu ne a re, “Se atlhole, gore o se ka wa atlholwa.” Ga go motho ope yo o nang le tetla ya go atlhola pholoso. Jesu ne a bua gape a re, “Yo o dumelang mme a kolobetswa o tlaa pholoswa; fela yo o sa dumeleng o tlaa atlholwa.” Jalo he ga go tshwenye fa o le Mokhatholike, Mobaptisti, kgotsa Mopentekoste; fa o dumela mo go Morena Jesu Keresete go raya gore wena o tlaa pholoswa.

Voice Of God Recordings (VGR) ke eng?

Voice Of God Recordings, Inc. ke bodiredi jwa makoko a a kopaneng jo bo tshwaeletsweng go tsweletsa Efangedi ya Morena Jesu Keresete. Motswedi wa motheo wa didirisiwa tse re di abang ke dithero tse di gatisitsweng tsa William Marrion Branham yo o setseng a sule, moporofeti wa Modimo ebile e le moefangedi yo o itsegeng lefatsheng ka bophara. Tirelo thuso ya rona ya ditšhaba e akaretsa di CD tsa di MP3, di DVD, dividio, dirweboleta, dibuka, dimakasine, dipampitshana, difoto, makwalodikgang, le di webosaete.

William Branham ke mang, mme ke eng se ena a amanang le nna ka sone?

Moruti Branham o ne a le moefangedi yo o itsegeng lefatsheng lotlhe yo neng a le mo mafelong a boneri go tloga go ka nna ka 1947 go ya go 1965. Ena ga a a ka fela a etelela didikadike ko go Keresete, fela Modimo ne a rurifatsa bodiredi jwa gagwe ka metlholo e e senang selekanyo. Kgokagano ena e tlaa go naya kitsiso ka ga bodiredi jwa gagwe.

Fa metlholo yotlhe ena e diragetse ka mmannete, go tla jang nna ke ise ke utlwe ka ga ene?

Eo ke potso e e molemo, mme ke nngwe e rona re tlaa ratang go e botsa dikereke tsotlhe tsa gompieno tse dikakanyo le megopolo ya tsone e ratiwang ke batho ba bantsi. Modimo ne a romela moporofeti! Goreng ese mongwe le mongwe yo o buang ka ga gone? Ba tshwanetse ba bo ba dira.

Ke gobaneng lo gatelela thata jaana ka ga William Branham?

Ka ntlha ya lebaka le le tshwanang le Joshua a neng a gatelela thata jaana ka ga Moshe. Moshe ne e le moporofeti yo neng a tlisa Molaeta go tswa ko go Modimo. Mokaulengwe Branham ne a dira selo se se tshwanang.

Ke bone basadi ba ba golaganeng le bodiredi jwa lone. Goreng bone botlhe ba na le moriri o moleele mme ba apara mesese e meleele?

Paulo ne a bua mo go 1 Bakorinthe 11:15 a re: “Fela fa mosadi a na le moriri o moleele, gone ke tlotlo mo go ene: gonne o neilwe moriri o moleele go nna sebipo mo go ene.” Paulo ne a bua gape gore basadi ba tshwanetse “ba apare diaparo tse di tshwanetseng…” mme Moshe ne a re, “Mosadi ga a tshwanela go apara seo se se leng sa monna.” Fa Baebele e go bua, ka ntlha eo Bakeresete ba nnete ba tlaa go dumela.

Nna ke dirile patlisiso nngwe mme ka fitlhela diwebosaete di le mokawana tse di ineetseng go ganetsa dilo tse Moruti Branham a di buileng. Le ba araba jang?

O tlaa fitlhela diwebosaete tse di ineetseng go ganetsa sengwe le sengwe le dilo tsotlhe, go akaretsa le Baebele. Rona motlhofo fela re kopa gore o atlhole Molaetsa o re go o begetseng ka Lefoko la Modimo, mme eseng ka polelo e e bolelwang go tlhotlheletsa tlhaloganyo e go leng motlhofo thata go e fitlhela mo inthaneteng. Gakologelwa, ga go na ope yo o kgobololwang go feta go na le Morena Jesu. Fa o dira sengwe se se siameng, fong o ka solofela kgalo.

Mekgatlho yotlhe e tsentse diatla tsa yone ka mo dipataneng tsa me. Gone ka gale ke ka ga madi.

Lemoga gore ga go na lefelo lepe mo webosaeteng eno la gore o dire kabo. Motlhang nako e tlang ya gore rona re lope madi, ka nako eo nako e tlile ya gore bodiredi jona bo khutle. Mona ga se ka ga madi, ke ka ga go isa mewa ya botho ko go Jesu Keresete.

Ke batla go itse mo go fetang; kgato e e latelang ke eng?

Baebele ya re, “tumelo e tlaa ka go utlwa,” jalo he rona re go kgothatsa gore o tswelele o reetse. Re na le dithero tse di fetang 1,200 tse di gatisitsweng tse di leng teng go laisololwa mahala. Re ka go romelela didirisiwa mo posong fa o na le bothata jwa go laisolola difaele tse di berekisiwang ka motlakase.


www.branham.org e gasa dikgang tsa letsatsi lengwe le lengwe le bosupi jo bo amanang le bodiredi jwa rona. Re go laletsa go re etela letsatsi le letsatsi mme o bale dipego go tswa ko badumeding go dikologa lefatshe. O ka nna wa makatswa ke ka fa Morena Jesu a dirang dilo tse dintsi tse dikgolo gone jaanong, mo letsatsing leno la segompieno.