Pinagare Ya Molelo



Mokaulengwe Branham kgapetsakgapetsa o tlhalosa Pinagare ya Molelo e e neng ya rurifatsa bodiredi jwa gagwe. E ne e le teng ko tsalong ya gagwe, e ne ya bonwa ke dikete ko losing lwa Ohio River, mme e ne ekete e ne e mo latela gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone. E ne e le ka 1950 kwa Morena a neng a neela boo babedi badumedi le badumologi go tshwana bosupi jo bo sa foseng gore Pinagare ena ya Molelo e ne e na le moporofeti.

Bosigo bo ne bo khurumeditswe mo kganetsanong kwa Patlelong ya Sam Houston. Mokaulengwe Branham o ne a etelela pele tsosoloso ya phodiso e e neng e aname mo lefatsheng. Ditshegofatso tsa ga Morena Jesu di ne di tshologa jaaka pula mo godimo ga madirelo a semowa a korong. Fela ditshupo tse di tona le metlholo ga di a tla di sena go kgalwa. Jaaka ka gale, mmaaba ne a tsosa moganetsi. Maatla a mabedi a a ne a kgatlhana ko Houston Theksase, mme Moengele wa Morena ka Boene ne a fologa go lwa ntwa.

Dikete di ne di setse di le teng go supela metlholo e e sa balegeng e e neng e latela monna yona wa Modimo. Letsatsi le le fetileng, setlhopha sa baruti ba mo gae ba ne ba gwetlha moporofeti go ngangisana ka phodiso ya Semodimo, fela kgwetlho e ne ya wela ko go mmata wa kgale yo o ikanyegang wa moporofeti, Moruti F.F. Bosworth. Babelaedi ba le bantsi ba ne ba lwanelwa ditshwanelo ke modiredi wa mo gae wa Mobaptisti mme e le moganetsi wa phodiso ya Semodimo yo o buwang puophaa. Puisanyo e e neng e solofetswe e ne ya rothisetswa ko dikoranteng, tse ka bonako di neng tsa phatlalatsa kgangkgolo, “Bobowa Jwa Dithuto Tsa Bodumedi Bo Tlaa Fefoga Ka 7 p.m. Gompieno Ka Mo Patlelong Ya Sam Houston.”

Babelaedi ba ne ba thapa moitseanape wa mokapa ditshwantsho, Ted Kipperman wa ga Douglas Studios, go gatisa puisanyo mo mokwalong. Maitseboeng ao, ditshwantsho di ne tsa tsewa le Mokaulengwe Bosworth a eme ka boingotlo jaaka mmelaedi a ne a eme sentle mo diemong tse di tshosetsang; ka nako nngwe ka monwana wa gagwe o sotlhomeditswe ka mo sefatlhegong wa monna mogolo yo yo o boikobo.

Erile ngangisano e simolola, Moruti Bosworth ka bonako o ne a netefatsa bonnete jwa phodiso ya Semodimo ka bosupi jwa Dikwalo mme foo, go se tlogele potso epe, ne a kopa botlhe ba ba neng ba fodisitswe makoa a bona go ema. Dikete di ne tsa ema ka dinao tsa bona. Morago ga bao ba ba neng ba fodisitswe ba sena go tsaya manno a bona, o ne a botsa fa botlhe bao ba ba neng ba fodisitswe ka phodiso ya Semodimo ba ba neng ba le maloko a a ikanyegang a lekoko la monna yona ba ne ba tlaa ema. Maloko a le makgolo a le mararo a kereke a ne a tlhatloga go bontsha ka motlotlo boutlwelo botlhoko jo Morena Jesu a bo ba supeditseng.

Kgwetlho e ne ya tloga ya tla ko mmelaeding. “A mofodisi yoo wa Selegodimo a tle mo pepeneneng. A ena a diragatse.” Mokaulengwe Bosworth ne a go ranola gore Jesu ke ena fela Mofodisi wa Semodimo, fela go tlhakalatsa go tswa mo go mmelaedi go ne ga tswelela. Kwa bofelong, Mokaulengwe Bosworth ne a laletsa Mokaulengwe Branham ko seraleng. O ne a amogelo taletso mo gare ga leratla la tshegetso.

Moporofeti, a tletse ka Mowa o o Boitshepo, ne a neela tsibogo e e latelang:

Ga ke kgone go fodisa ope. Sena ke a se bolela. Motlhang ke ne ke le lesea ke tsetswe ko Lefatsheng la Khenthakhi, go ya ka mmê yo e leng wa me yo o rategang, le se se nnileng sa rurifadiwa go ralala botshelo jwa me, go ne ga nna le Lesedi le le neng la tsena ka mo kamoreng ya lesomo leo le lennye la kgale foo, kwa le neng le le gone, go sena bodilo ka mo go yone, e ne e sena le e leng letlhabaphefo, ba ne fela ba na le selo se sennye sa kgale go nna letlhabaphefo, jaaka mojako o monnye, mme ba ne ba le kgorometsa la bulega go ka nna nako ya botlhano mo mosong, mme Lesedi lena le ne la dikologa la tsena fela jaaka go ne go nna maphakela. Esale ka nako eo, Le nnile le na le nna. Ke Moengele wa Modimo. Ena ne a kgatlhana le nna ka sebelebele mengwaga e le mmalwa e e fetileng. Go fologa go ralala botshelo jwa me, o ne A mpolelela dilo tse di neng di diragala, mme nna ke ne ka di bolela fela jaaka A ne a mpoleletse. Mme nna ke gwetlha mongwe le mongwe kwa lefelong lengwe le lengwe, go ya ko motsemogolo o ke neng ka godiswa gone, kgotsa golo gope go sele, kwa polelo e nnileng ya ba ya dirwa mo Leineng la Morena, fa e se e e neng ya tla fela totatota ka tsela e go neng ga buiwa gore go tlaa dira.

Morago a sena go bua mafoko ao, Mowa o o Boitshepo o ne wa tshologela mo seraleng, mme mokapa ditshwantsho yo neng a gaketse ne a kapa setshwantsho. Mokaulengwe Branham ne a tloga mo seraleng ka polelo e e motlhofo, ntswa e ne e le ya seporofeto: “Modimo o tlaa paka. Nna ga ke sa tla go tlhola ke bua sepe.”

Modira mmogo ka Rrê Kipperman ne a tsamaya ka bonako go dira mo go godiseng ditshwantsho ka ntlha ya dikgang tsa moso o o latelang. O ne a lemoga sengwe se se neng se gakgamatsa jaaka a ne a ntsha setshwantsho sa ntlha go tswa mo motswakong wa go godisa. Sone, jaaka ditshwantsho tse di tlhano tse di latelang, di ne di sena sepe. O ne a tlamparela pelo ya gagwe a bo a wela ntlheng ya kwa pele fa a ne a ntsha setshwantsho sa bofelo go tswa mo motswakong. Moo, mo setshwantshong seo sa bofelo, go ne go le Pinagare ya Molelo mo popegong e e bonalang e iketlile mo godimo ga tlhogo ya moporofeti wa Modimo, William Marrion Branham.

Bana ba Iseraele ba ne ba pakela Pinagare ya Molelo e ne e etelela pele Moshe, mme batho ba motlha ona wa segompieno ba ne ba pakela Pinagare e e tshwanang ya Molelo e etelela pele moporofeti yo mongwe.

Setshwantsho sena se ne sa neelwa ka bonako ko go George J. Lacy, Professional Examiner wa Questioned Documents wa U.S. F.B.I., yo neng a rurifatsa setshwantsho ka kakanyo ya gagwe ya boitseanape. Mokwalo wa semmuso o o neng wa ntshiwa ke Rrê Lacy o ka mo letlhareng le le latelang.

Mona e ne e le kgale pele ga dikhomphiutara le dikapa ditshwantsho tsa dijithale, mme go ne go ka se kgonwe go tlhalosiwa ka mekgwa epe e e itsegeng ko boranyaneng, go na le gore go ne go na le Lesedi totatota mo godimo ga tlhogo ya ga William Branham. Gompieno sone setshwantsho seo se kgonwa go bonwa ko United States Library Of Congress, ko mošateng wa setšhaba, Washington DC.