Mengwaga Ya Bonana - E tsweledisitswe



Go ne ga simolola go tswelela go nna lefifi go feta ka mo kokelong, jaaka okare go ne go le ko dikgweng tse ditona. Ke ne ke kgona go utlwa phefo e foka mo matlhareng, ntswa e ne e le gore okare e ne e le sekgala se se leele kgakala ko dikgweng. Gongwe o kile wa utlwa fa phefo e e budulotsweng e foka matlhare, e tla gaufi go feta le go feta mo go wena. Ke ne ka akanya, “Sentle, mona ke loso le tlile go ntsaya.” Ao! mowa wa me wa botho o ne o tshwanetse go kgatlhana le Modimo, ke ne ke leka go rapela fela ke ne ke sa kgone.

Phefo e ne e tla gaufi go feta, go le modumo go feta le go feta. Matlhare a ne a gwasa leratla mme fela ka tshoganetso, ke ne ke ile.

Ka nako eo go ne ga lebega ekete ke ne ke boetse gape go nna mosimane yo monnye ke sa rwala sepe mo dinaong, ke eme ko seferwaneng sele kwa tlase ga setlhare sone seo. Ke ne ka utlwa lone Lentswe lele le le neng la re, “O seka wa nwa nnotagi kgotsa wa goga.” Mme matlhare a ke neng ka a utlwa e ne e le one a a neng a foka mo setlhareng seo letsatsi leo.

Fela ka nako e Lentswe le ne la re, “Ke ne ka go bitsa mme wena o ne wa se rate go ya.” Le ne la boeletsa lekgetlo la boraro.

Foo ke ne ka re, “Morena, fa e le Wena, ntetlelele ke boele lefatsheng gape mme nna ke tlaa rera Efangedi ya Gago go tswa kwa ditlhoeng tsa dintlo le dikgogometsong tsa mebila. Ke tlaa bolelela mongwe le mongwe ka ga yone!”

Fa ponatshegelo ena e setse e fetile, ke ne ka utlwa gore nna ga ke ise ke ikutlwe mo go botoka go feta. Ngaka ya me e e arang e ne e santse e le ka mo phaposing. O ne a tla a bo a nteba mme o ne a maketse. O ne a lebega jaaka ekete o ne a akanya gore nna ke ne ke tlaa bo ke sule, foo o ne a re, “Nna ga ke motho yo o tsenang kereke, tiro ya me e tona thata, fela ke a itse gore Modimo o ne a etetse mosimane yo.” Gobaneng a ne a bua seo, ga ke itse. Ga go ope yo neng a bua sepe ka ga gone. Fa nka bo ke itsile ka nako eo se ke se itseng jaanong, nka bo ke ne ke tsogile mo bolaong joo ke goeletsa Bakang Leina la Gagwe.

Morago ga malatsi a le mmalwa ke ne ka letlelelwa go boela gae fela ke ne ke santse ke lwala ebile ke patelesega go rwala digalase mo matlhong a me ka ntlha ya bolwetse jwa popego e e fetogileng ya letlalo le le khurumeditseng leitlho. Tlhogo ya me e ne e roroma fa ke ne ke leba sengwe lobaka.

Ke ne ka simolola go senka le go bona Modimo. Ke ne ka ya kerekeng go tswa kerekeng, ke leka go fitlhela lefelo lengwe kwa go neng go na le piletso aletareng ya segologolo. Karolo e e hutsafatsang ke gore ke ne ka se kgone go filthela lepe.

Ke ne ka re fa nka bo ka nna Mokeresete, ke tlaa nna mongwe ka mmannete. Modiredi yo neng a utlwa ke bua tshwaelo e ne a re, “Jaanong Billy thaka, wena o ya go fapogela ka mo bogogotlong.” Ke ne ka bua gore fa ke ka ba ka fitlhela bodumedi, ke batla go bo utlwa fa bo tla, fela jaaka barutwa ba ne ba dira.

Ao baka Leina la Gagwe. Ke ne ka fitlhela bodumedi morago ga lobaka mme ke santse ke na le jone, ebila ka thuso ya Gagwe, ke tlaa tlhola ke bo tshegeditse.

Bosigo bongwe ke ne ka tshwarwa ke tlala thata ya Modimo le maitemogelo a mmannete gore ke ne ka tswela ntle ko mokhukhung wa kgale ko morago ga ntlo ka bo ke leka go rapela. Ke ne ke sa itse go rapela ka nako eo jalo he ke ne fela ka simolola go bua le Ena jaaka ke ne ke tlaa bua le mongwe o sele. Ka tshoganetso go ne ga tla Lesedi ka mo mokhukhung la bo le bopa sefapaano mme Lentswe go tswa mo sefapaanong le ne la buwa le nna ka puo e ke neng ke sa kgone go e tlhaloganya. Le ne la tloga la tsamaya. Ke ne ke reregile. Fa ke ne ke thanya gape ke ne ka rapela, “Morena fa moo e le Wena, tsweetswee tlaya mme o buwe le nna gape.” Ke nnile ke bala Baebele ya me esale ke nnile ko gae go tswa kokelong mme ke ne ke badile mo go 1 Johane 4, “Baratiwa, lo se dumele mewa yotlhe, fela le e lekeng fa e le ya Modimo.”

Ke ne ke itse gore mowa o ne o bonagetse ko go nna mme jaaka ke ne ke rapela o ne wa bonala gape. Foo go ne ga nna okare mo go nna go ne go na le sengwe se se neng se tlositswe mo godimo ga mowa wa me wa botho. Ke ne ka tlolela godimo ka bo ke sianela ko ntlong mme go ne okare ke ne ke siana mo phefong.

Mma ne a botsa, “Bill, ke eng se se go diragaletseng?” Ke ne ka araba, “Ga ke itse fela nna go tlhomame ke ikutlwa ke siame ebile ke le motlhofo.” Ke ne ke sa kgone go tlhola ke nna ka mo ntlong mo go fetang moo. Ke ne ke tshwanetse ke tswele ntle ke bo ke siane.

Ke ne ke itse ka nako eo gore fa Modimo a ne a mpatla gore ke rere, O ne a tlaa mphodisa. Jalo he ke ne ka ya ko kerekeng e e neng e dumela mo go tlotseng ka lookwane ka bo ke fola ka ponyo. Ke ne ka bona foo gore barutwa ba ne ba na le sengwe se badiredi ba le bantsi ba senang sone gompieno. Barutwa ba ne ba kolobeditswe ka Mowa o o Boitshepo mme ka ntlha eo ba ne ba kgona go fodisa balwetsi le go dira metlholo e e makatsang mo Leineng la Gagwe. Jalo he ke ne ka simolola go rapelela kolobetso ya Mowa o o Boitshepo ka bo ke e amogela.

Letsatsi lengwe dikgwedi di le thataro morago, Modimo ne a nnaya keletso ya pelo ya me. O ne a buwa le nna mo Leseding le le tona, a mpolelela go tsamaya ke rere le go rapelela ba ba lwalang mme Ena o tlaa ba fodisa go sa kgathalesege bolwetse jo ba nang le jone. Ke ne ka simolola go rera le go dira se A neng a mpoleletse go se dira. Ao tsala, nka se kgone go simolola go go bolelela tsotlhe tse di neng tsa diragala: Matlho a a foufaditsweng a ne a bulega. Batlhotsi ba ne ba tsamaya. Dikankere di nnile tsa fodisiwa, le mehuta yotlhe ya metlholo e nnile ya diriwa.

Letsatsi lengwe kwa tlasetlase ga Spring Street, Jeffersonville, Indiana, morago ga tsosoloso ya dibeke di le pedi, ke ne ke kolobetsa batho ba le 130. E ne e le letsatsi le le mogote la Phatwe mme go ne go na le go ka nna batho ba le 3,000 ba ba neng ba le teng. Ke ne ke le gaufi le go kolobetsa motho wa bo 17 fa ka ponyo ya leitlho ke neng ka utlwa Lentswe leo le le didimetseng, le lennye gape mme le ne la re, “Lebelela kwa godimo.” Loapi le ne le le jaaka kgotlho letsatsi leo le le mogote la Phatwe. Re nnile re ise re nne le pula go batlile go nna dibeke di le tharo. Ke ne ka utlwa Lentswe le gape, mme foo gape lekgetlo la boraro le ne la re “Leba kwa godimo.”

Ke ne ka leba kwa godimo mme foo go ne ga tla go tswa kwa loaping naledi e kgolo e e phatsimang, e ke e boneng dinako di le dintsi pele fela e e leng gore nna ga ke ise ke lo bolelele ka ga yone. Dinako di le dintsi ke boleletse batho ka ga go bonala ga yone mme bone ba ne ba tle ba tshege fela ba bo ba re, “Bill, wena o tshema fela ka ga yone. Kgotsa gongwe o ne o lora.” Fela bakang Modimo, ka nako ena O ne a Iponagaditse pepeneng mo go botlhe, ka gobo e ne ya tla gaufi thata le nna ke ne ka se kgone le e leng go bua. Morago ga metsotswana e le mmalwa e sena go feta ke ne ka goeletsa mme batho ba le bantsi ba ne ba leba kwa godimo ba bo ba bona naledi mo godimo ga me. Bangwe ba ne ba idibala fa ba bangwe ba ne ba santse ba thela loshalaba ebile ba bangwe ba ne ba siela kgakala. Ne ga tloga naledi ya bo e boela ka ko loaping mme lefelo kwa e neng ya tloga le batlile le nna difutu di le lesome le botlhano tsa sekwere mme lefelo leno le ne la tswelela le sutha ebile le fetlhega mo tikologong kgotsa jaaka makhubu a ne a fidikologa. Go ne bo bopegile mo lefelong lena leru le lennye le lesweu mme naledi e ne ya amogelwa ka mo gare ga leru lena le lennye.

Jaaka Johane Mokolobetsi, moporofeti o ne a rurifadiwa ka mo metsing a Kolobetso.