Ketelo Ya Ga Moengele



Diponatshegelo di ne tsa tswelela. O ne a bolelelwa ke badiri ka ena ba baruti gore diponatshegelo tsa gagwe di ne di sa tswe ko go Modimo. O ne a bolelelwa gore mowa o o bosula o ne o mo laola. Sena se ne sa mo tshwenya mo go tseneletseng. Mokgweleo o ne wa fetoga go nna o o bokete thata go o itshokela, jalo he o ne a ya ka ko bogareng ga naga go batlisisa Thato ya Modimo. O ne a ipofile thata gore ena o ne a ikana go se boe ntle le karabo. E ne e le foo, ko ntlwananyaneng ya kgale ya logong ya go tsoma, kwa e leng gore Moengele wa Morena o ne mo naya thomo ya gagwe. Mo gare ga dilo tse dingwe, Moengele o ne a mmolelela sena: “Fa o tla dira gore batho ba go dumele, o bo o nna peloephepa fa o rapela, ga go sepe se se tla kgoreletsang dithapelo tsa gago, le eseng kankere.”

Dipelaelo tsotlhe di ne di ile. O ne jaanong a na le thomo mme ka bopelokgale o ne a gatela pele. Tsosoloso ya phodiso e ne e simolotse.

Makgolo a dikete a ne a nna teng kwa matsholong a ga Branham. Dikete di ne tsa fodisiwa mo Leineng la Morena Jesu Keresete. Baefangedi ba bangwe jaaka Oral Roberts, T.L. Osborn, le A.A. Allen mo segautshwaneng ba ne ba latela Mokaulengwe Branham ba bo ba simolola ditsosoloso tsa bona tsa phodiso. Morena o ne a nesa ditshegofatso tsa Gagwe jaaka a ise a dire pele. Seatla se se fodisang sa ga Jesu Keresete se ne gangwe gape sa bo se ama batho ba Gagwe.

“Nna kgapetsakgapetsa ke ne ke lela ka boipelo ka ntlha ya neo ya Modimo ya sesheng mo kerekeng ya mokaulengwe yo o ratiwang wa rona, William Branham, ka neo ya gagwe e e gakgamatsang ya phodiso. Mona ke tiragatso ya Modimo a dira mo go fetang thata thata go le kwa godimo ga tsotlhe tse re ka kgonang go di kopa kgotsa go di akanya (Baefese 3:20), ka gobo nna ga ke ise ke bone kgotsa ka bala ka sengwe se se neng se lekana le bodiredi jo bo fodisang jwa ga William Branham.”

Moruti F.F. Bosworth, moefangedi yo o itsegeng kae le kae mo lefatsheng le mongwe wa borra ba ba simolotseng lekoko la Diasembli Tsa Modimo le gape mokgatlo wa segompieno wa Pentekoste.

“Mo sekaing se le sengwe, re ne re lebile fa a ne a bua le monna a robetse mo bolaong jo bo menegang. Lantlha go ne go sena tshupo epe ya tsibogo ya botlhale go tswa mo go motho yo. Tlhaloso e ne ya tla ka nako eo go tswa mo mosading yo neng a eme gaufi, gore monna o ne a sa swe fela ka kankere, fela gore o ne e le susu ebile a sa kgone go utlwa se se neng se buiwa.

Mokaulengwe Branham foo ne a bua gore go tlaa tlhokega gore monna yo a tle a amogele go utlwa ga gagwe gore a tle a kgone go mo kaela ma lebang le phodiso ya kankere ya gagwe. Go ne ga nna le motsotso wa thapelo. Ka ponyo ya leitlho monna yo ne a kgona go utlwa! Dikeledi tse kgolo tse di tona di ne tsa elelela fatshe ga marama a monna yoo yo sefatlhego sa gagwe maitseboeng otlhe ao se nnileng se se na tebego ebile se se na molebo wa kgatlhego. O ne a reetsa ka kgatlhego e e tseneletseng jaaka a ne a bolelelwa ka ga kgololo ya gagwe mo kankereng.”

Moruti Gordon Lindsay, mokwadi yo o nang le bokgoni thata, modiredi, le mosimolodisi wa Mokgatlho wa Keresete wa Ditšhaba.

“Mokaulengwe Branham ne a re, ‘Leloko la phuthegokgolo o fodisitswe.’ Pelo ya me e ne ya tlola. Ke ne ka gatela pele ka bo ke amogela Morena jaaka Mofodisi wa me. Ke ne ka baya diikokotledi tsa me fa thoko…mme botlasetlase jwa Legodimo bo ne ba wela ntle!”

William D. Upshaw, Leloko la phuthegokgolo ya US (1919-1927), ntlhophang ya Botautona jwa US ka 1932. A neng a golafetse esale go wa go ne go roba mokwatla wa gagwe a sa le ngwana. O ne a le 84 motlhang a ne a fodisiwa ka botlalo go tswa thapelong ya ga Mokaulengwe Branham, morago ga a se na go nna segole ka mengwaga e le 66. O ne a seka a tlhola a tlhoka koloi sekolonkothwana kgotsa diikokotledi mo botshelong jo bo setseng jwa gagwe.

“Ke nnile ke le mo mokwatleng wa me mengwaga e ferabobedi le dikgwedi di ferabongwe ka T.B. mme dingaka di ne di ineetse ka nna. Ke ne ka boutsana ke na le bokete jwa diponto di le 50 mme go ne ekete tshepo yotlhe e ne e ile. Fong go tswa ko Jeffersonville, Indiana, ne ga tla Moruti WM Branham mo ponong e e leng gore o ne a e bone ka ga kwanyana e e neng e tshwerwe ko nageng ebile e lela ‘Milltown,’ ko e leng gore ke kwa ke nnang. Mokaulengwe Branham o ne a ise a ko a nne gone fano kgotsa a itse ope go tswa fano. Go tseneng, o ne a baya diatla mo go nna a bo a rapela, a bitsa mo godimo ga me Leina la Morena wa rona Jesu. Sengwe okare se ne sa tsaya taolo ya me mme gone fela foo ke ne ke emeletse ke leboga Modimo ka ntlha ya thata ya Gagwe ya go fodisa. Nna jaanong ke moletsathomo mo kerekeng ya Baptisti fano.”

Georgia Carter, Milltown Indiana, o ne a a fodisiwa T.B. e e isang losong ka 1940 mme ga a ise a bogiswe ke bolwetse joo letsatsi lengwe mo botshelong jwa gagwe. Ena o emela masome a dikete tsa batho ba ba nnileng ba fodisiwa ka bodiredi jwa gagwe ebile ba a fodisiwa le mororo gompieno.