Mengwaga Ya Bonana



Go ralala botshelo jwa gagwe, Mokaulengwe Branham o ne a eletsa thata go nna ko bogareng ga naga. Ko mengwageng ya 18, o ne a tloga Indiana go ya dithabeng tse di makgawekgawe tsa kwa bophirima. Go nna ga gagwe ko Arizona ga go a ka ga nna mo go leele pele a ne a patelesega go boa.

Letsatsi lengwe ke ne ka tsaya tshwetso gore ke fitlhetse tsela ya go kgaogana le pitso eo. Ke ne ke ya kwa bophirima go dira kwa polasing ya mafulo. Tsala, Modimo o mo tona fela golo koo jaaka Ena a ntse lefolong lengwe le lengwe. Mma wena o nne le poelo ka maitemogelo a me. Motlhang Ena a go bitsang, o Mo arabe.

Mosong mongwe ka Lwetse mo ngwageng wa 1927, ke ne ka bolelela mma gore ke ne ke tsamaya go ya Tunnel Mill ka mosepele wa go kampa, o e leng go ka nna dimaele di le lesome le bonê go tloga Jeffersonville kwa re neng re nna gone ka nako eo. Ke ne ke setse ke rulagantse mosepele go ya Arizona le ditsala dingwe tsa me. Motlhang mma a ne a utlwa go tswa mo go nna gape, ke ne ke se ko Tunnel Mill fela ko Phoenix, Arizona, ke sia go tloga kwa Modimong wa Lorato. Botshelo jwa kwa mafulong bo ne bo le jo bo molemo thata lobakanyana, fela jona mo segautshwaneng bo ne jwa nna jwa bogologolo, go tshwana le monate mongwe le mongwe o mongwe wa lefatshe. Fela mma ke bue fano, Bakang Modimo, maitemogelo le Jesu a gola go nna botshe go feta le botshe go feta nako yotlhe ebile one ga a nne a kgale. Jesu o naya kagiso e e itekanetseng le kgomotso ka nako yotlhe.

Dinako di le dintsi ke ne ka utlwa phefo e foka mo gare ga diphaene tse di telele. Go ne ekete ke ne ke kgona go utlwa Lentswe la Gagwe le bitsa kgakala kwa ntle ko sekgweng, le re, “Atamo, wena o kae?” Dinaledi di ne ekete di gaufi thata wena o ne o ka kgona go di tsaya ka diatla tsa gago. Modimo o ne okare o mo gaufi thata.

Selo se le sengwe ka lefatshe leo ke ditsela mo sekakeng. Fa wena o ka ba wa fapoga mo tseleng, o timela motlhofo thata. Dinako di le dintsi thata bajanala ba bona dithunya tse dinnye tsa sekaka ba bo ba tloga mo tselakgolong go di tsaya. Bona ba kalakatlega mo sekakeng ba bo ba timela ebile dinako dingwe ba swe ka ntlha ya lenyora. Go jalo mo tseleng ya Sekeresete – Modimo o na le tsela ya mheru. O bua ka ga yona mo go Isaia, kgaolo ya bo 35. Yona e bidiwa “Tselakgolo ya Boitshepo.” Dinako di le dintsi menatenyana ya lefatshe e go gogela kwa thoko ga tsela ya mheru. Ka nako eo o latlhegetswe ke maitemogelo a gago le Modimo. Mo sekakeng fa wena o timetse, koo ka dinako dingwe go tlhagelela moenene. Ko bathong ba ba swang ka ntlha ya lenyora, moenene o tlaa nna jaaka noka kgotsa letsha. Dinako di le dintsi batho ba sianela ko go yone ba bo ba wela ka mo go yone fela gore ba fitlhele gore bona ba sapa ka mo motlhabeng o o mogote. Dinako dingwe diabolo o go supegetsa sengwe se a reng ke nako ya go ja monate. Moo ke fela moenene, ke sengwe se se seng sa mmannete. Fa o reetsa o tlaa iphitlhela fela o kgobokanya matlhotlhapelo mo tlhogong ya gago. O seka wa mo ela tlhoko, mmadi yo o rategang. Dumela Jesu yo o nayang bao ba ba tshwerweng ke tlala ebile ba nyorilwe metsi a botshelo.

Letsatsi lengwe ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa gae le mpolelela gore mongwe wa bomorwarrê o ne a lwala thata. E ne e le Edward, yo a ntlhatlhamang. Jaaka go solofetswe ke ne ka akanya gore go ne go sa tlhoafala, jalo he ke ne ka dumela gore o ne a tlaa siama. Fela maitseboa a mangwe malatsi a le mmalwa morago fa ke ne ke tswa kwa motsemogolo, fa ke ne ke feta mo gare ga ntlolehalahala ya dijo kwa polasing ya mafulong, ke ne ka bona pampiri mo tafoleng. Ke ne ka e tsaya. E ne e balega e re, “Bill, tlaya ko mafulong a a kwa bokone. Botlhokwa thata.” Morago ga ke se na go bala lekwalo tsala nngwe le nna re ne ra tsamaela golo ko mafulong. Motho wa ntlha yo ke neng ka kgatlhana le ena ke modisa yo mogolo wa Lone Star yo neng a dira mo mafudisong. Leina la gagwe e ne e le Durfy, fela re ne re mmitsa “Pop.” O ne a na le tebego ya go supa maikutlo a kutlobotlhoko mo sefatlhegong sa gagwe jaaka a ne a bua a re, “Mosimane Billy, ke go tsholetse dikgang tse di maswe.” Ka nako eo foromane o ne a tla a tsamaela golo kong. Ba ne ba mpolelela gore thelekeramo e ne e fetsa go goroga, e mpolelela ka ga loso lwa ga morwarrê.

Tsala e e rategang, ke ne ka se kgone go suta motsotso. E ne e le loso lwa ntlha ka mo lelwapeng la rona. Fela ke batla go bua gore selo sa ntlha se ke neng ka akanya ka ga sone e ne e le gore a o ne a itlhwatlhwaeleditse go swa. Jaaka ke ne ke retologa go dikologa go leba go kgabaganya loboa le le tshetlha, dikeledi di ne tsa elelela kwa tlase mo marameng a me. Ka foo ke neng ka gakologelwa ka foo re neng ra sokola ga mmogo ka teng fa re ne re le basimane ba bannye le ka foo go nnileng ga bo go le bokete mo go rona.

Re ne re ya kwa sekolong re na le ka boutsana mo go lekaneng go jewa. Menwana ya dinao e ne e le kwa ntle ga ditlhako tsa rona ebile re ne re tle re tshwanele go apara dijase tsa kgale di kopetswe kwa godimo mo molaleng ka gore re ne re sa apara dihempe dipe. Ka foo ke gakologelwang gape letsatsi lengwe Mma a ne a na le diphopokhonênyana tsa dijotshegare ka mo emereng e nnye. Re ne re sa je le bana ba bangwe. Re ne re sa kgone go reka dijo go tshwana le tse ba neng ba na le tsone. Re ne re ngongwaelela kwa moseja ga thabana ka nako yotlhe re bo re ja. Ke gopola letsatsi le re neng re na le phopokhonê, re ne re akanya gore e ne e le sengwe se se faphegileng sa nnete se se itumedisang. Jalo he go tlhomama gore ke ne ke na le seabo sa me sa yone, ke ne ka tswela kong pele ga sethoboloko ka bo ke tsaya mo go lekaneng go tletse seatla pele ga morwarrê a tsaya seabo sa gagwe.

Foo ke neng ke ntse ke eme foo ke lebile kwa loboeng lo lo neng lo lo lokgere ke ne ka akanya ka ga dilo tsotlhe tseo mme ka ipotsa fa Modimo a ne a mo isitse ko lefelong le le botoka. Ne ga tloga gape Modimo ne a mpitsa, fela jaaka go tlwaelegile, ke ne ka leka go go lwantsha.

Ke ne ka baakanya go ya gae go ela phitlho. Fa Moruti McKinny wa Kereke ya Port Fulton, monna yo o fela jaaka rra mo go nna, a ne a rera phitlho ya gagwe o ne a umaka gore, “Go ka nna ga bo go na le bangwe fano ba ba sa itseng Modimo, fa go le jalo, Mo amogeleng jaanong.” Ao ka foo ke neng ka ngaparela setilo sa me, Modimo o ne a dira gape. Mmadi yo o rategang, fa A bitsa, Mo arabe.

Ke ka seka ka lebala ka foo Rrê le Mmê ba ba humanegileng ba ba godileng ba neng ba lela morago ga phitlho. Ke ne ke batlile go boela kwa Bophirima fela Mmê ne a nthapela thata gore ke sale kwa bofelong ke ne ka dumela go sala fa ke ne ke ka kgona go bona tiro. Mo segautshwaneng ke ne ka bona tiro kwa Komponeng ya Tirelo Morafe ya Indiana.

Go ka nna mengwaga e le mebedi morago fa ke ne ke santse ke tlhatlhoba dimitira kwa lebenkeleng la dimetara kwa Gas Works ko New Albany, ke ne ka fekeetswa ke gase ka bo ke lwala dibeke ka ntlha ya yone. Ke ne ka ya ko dingakeng tsotlhe tse ke neng ke di itse. Ke ne ka se kgone go bona thuso. Ke ne ke bogiswa ke asiti ka mo dimpeng, e bakilwe ke ditlamorago tsa gase. Go ne go nna mo go maswe go feta ka nako yotlhe. Ke ne ka isiwa ko go baitseanape ko Louisville, Khenthakhi. Bona kwa bofelong ba ne ba re e ne e le lela la sukiri ba bo ba re ke ne ke tshwanetse ke dire karo. Ke ne ke sa kgone go go dumela ka gore ke ne ke ise ke nne le botlhoko mo letlhakoreng la me. Dingaka di ne tsa re di ne di ka sa kgone go ntirela sepe go tsamaya ke dira karo. Kwa bofelong ke ne ka dumela gore e dirwe fela ke ne ka gatelela gore ba dirise more o o tshwarisang lefelo le le leng tikologong ya karo bogatsu gore ke kgone go lebelela karo.

Ao, ke ne ke batla mongwe yo o itseng Modimo a eme gaufi le nna. Ke ne ke dumela mo thapelong fela ke ne ke sa kgone go rapela. Jalo he modiredi go tswa go First Baptist Church ne a tsena le nna mo phaposing ya learo.

Fa ba ne ba ntlosa go tswa tafoleng go ya kwa bolaong jwa me, ke ne ke ikutlwa ke nna bokoa go feta le bokoa go feta nako yotlhe. Pelo ya me e ne e uba ka boutsana. Ke ne ke utlwa loso mo go nna. Mohemo wa me o ne o nna o mo khutshwane go ya pele nako yotlhe. Ke ne ke itse gore ke ne ke fitlhile kwa bofelong jwa tsela ya me. Ao tsala leta go tsamaya wena o fitlha koo gangwe, foo wena o tlaa akanya ka ga dilo tse dintsi tse o di dirileng. Ke ne ke itse gore ke ne ke ise ke goge, ke nwe nnotagi kgotsa ke nne le mekgwa epe e e bosula fela ke ne ke itse gore ke ne ke sa itlhwatlhwaetsa go kgatlhana le Modimo wa me.

Tsala ya me fa wena o le fela leloko la kereke e e gwaletseng ya semmuso, o tlaa itse fa o fitlha kwa bofelong gore wena ga o a itlhwatlhwaetsa. Jalo he fa moo e le sotlhe se wena o se itseng ka ga Modimo wa me, ke go kopa gone fano gore o ye faatshe mo mangoleng a gago o bo o kopa Jesu go go naya maitemogelo ao a go nna yo o tsetsweng sesa, jaaka A ne a bolelela Nikodimo ko go Johane kgaolo ya 3, mme ao ka foo ditloloko tsa boipelo di tlaa tsidimang ka gone. Baka leina la Gagwe.