Johane 5:28-29

Se gakgamaleleng se: gonne oura e e tla, e botlhe ba ba leng ka mo mabitleng ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone,
Mme ba tla tswa; bao ba ba dirileng molemo, kwa tsogong ya botshelo; mme bao ba ba dirileng bosula, kwa tsogong ya katlholo.


Go tla letsatsi motlhang mongwe le mongwe wa rona, a kana o Mokeresete kgotsa nnyaya, a tlaa fitlhelang totatota se se leng kwa morago ga sesiro sa nako. Baebele e solofetsa bangwe Botshelo jo Bosakhutleng, mme ko go ba bangwe, e solofetsa katlholo. Motho mongwe le mongwe go ralala ditso go tlhomame o ne a ipotsa, “Go tlaa diragalang eng ka nna motlhang ke swang?”

Bogologolo pele ga go ne go ka ba ga nna le Baebele go balwa, moporofeti Jobe o ne a tlhokomela tlholego. O ne a buwa ka ga tsholofelo ya setlhare, ka foo e leng gore se tlaa rengwa se bo se swa, le fa go le jalo ka monko wa metsi, sone se tlolela morago ka ko botshelong se bo se ntsha matlhogela a mašwa. Jobe o ne a itse gore motho, jaaka setlhare, o ne a tlaa tlhatlhogela botshelong gape:

Fa motho a swa, a ena o tla tshela gape? ke tlaa leta malatsi otlhe a nako ya me e ke e baletsweng, go tsamaya go fetoga ga me go goroga.

Wena o tla bitsa, mme nna ke tlaa go araba: wena tlaa nna le keletso ya tiro ya diatla tsa gago.

Gonne jaanong wena o badile dikgato tsa me: a wena ga o ele boleo jwa me tlhoko? (Jobe 14:14-16)

Jobe a ka tswa a ne a sena Baebele go bala, fela o ne a itse gore letsatsi lengwe Modimo o ne a tlaa mo tsosa mabitleng motlhang Morekolodi wa sika loo motho a neng a tlhagelela.

Ao fa mafoko a me a ka bo a kwadilwe jaanong! ekete a ka bo a gatisitswe mo bukeng!

Gore a ka bo a setilwe ka pene ya tshipi le ka lotwe mo lefikeng ka bosaeng kae.

Gonne ke a itse gore morekolodi wa me o a tshela, le gore o tla ema mo lefatsheng mo motlheng wa bofelo:

Mme le ntswa morago ga diboko tsa letlalo la me di sena go senya mmele ona, le mororo mo nameng ya me ke tla bona Modimo: (Jobe 19:23-26)

Moporofeti o ne a bua ka ga Morena Jesu le tsogo ya batho ba Gagwe. Ka tshenolo Jobe o ne a itse gore le fa mebele ya rona e ne ka nna ya omelela go feleletse, Jesu o tlaa tsosolosa nama ya rona. Mme ka matlho a e leng a rona, re tlaa bona go Tla ga Gagwe. Batho botlhe ba Modimo ba eletsa thata go bona letsatsi leo le le galalelang.

Le fa go le jalo, fela jaaka go tlhomame gore Modimo o teng, gape go na le diabolo; mme fela jaaka go tlhomame gore Legodimo le teng, gape go na le dihele. Diabe ke tsa tlhwatlhwa kgolo go na le ka fa re ka kgonang go tlhatlhanya. Moapostolo Paulo ne a bua gore, “Leitlho ga le ise le bone, le tsebe ga e ise e utlwe, le e seng gore go kile ga tsena ka mo pelong ya motho, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.” (I Bakorinthe 2:9)

Menagano ya rona ga e kgone go tlhaloganya ka foo Legodimo le tlaa nnang lentle ka teng, ebile e ka se ka ya kgona go tlhaloganya go tsitla marapo ga bobipo. Jesu ne a re bolelela gore bobipo bo maswe thata jang gore go tlaa nna botoka fa re kgaola serwe sa mmele wa rona go na le go tsaya tekeletso ya go ya kwa lefelong le le tsitlang marapo leo.

Mme fa seatla sa gago se go kgopisa, se pome se tloge: go botoka gore wena o tsene mo botshelong o golafetse, go na le go nna le diatla di le pedi go tsena ko bobipong, ka mo molelong o o sa tleng go tingwa: (Mareko 9:43)

Jalo he ke mang yo o tlaa yang ko Legodimong? Gape ke mang yo o tlaa yang ko bobipong? Ke kakanyo e e utlwisang botlhoko, fela Jesu ne a bua gore batho ba le bantsi go feta ga ba tle go amogela tuelo e A etleetsegileng go e neela: Tsena ko kgorong e e pitlaganeng: gonne kgoro e atlhame, ebile tsela e kgolo, e e isang kwa tatlhegong, mme ke ba le bantsi ba ba yang ko go yone: Ka gonne kgoro e pitlagane, ebile tsela e tshesane, e e isang kwa botshelong, mme ke ba le mokawana ba ba e bonang. (Matheo 7:13-14)

Jesu o ne a bua gape gore, “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, Morena, Morena, yo o tla tsenang ka ko bogosing jwa legodimo; fa e se ena yo o dirang thato ya ga Rara yo o kwa legodimong. Ba le bantsi ba tlaa nthaya mo letsatsing leo ba re, Morena, Morena, a rona ga re a porofeta mo leineng la gago? mme mo leineng la gago ra kgoromeletsa bodiabolo ntle? ebile mo leineng la gago ra dira ditiro di le dintsi tse di gakgamatsang? Mme ka nako eo Nna ke tlaa ba bolelela ke re, ga Ke ise ke lo itse: tlogang mo go nna, lona ba lo dirang boitimokanyi.” (Matheo 7:21-23)

Fela ka gonne motho o ipobola go bo a le Mokeresete ga go reye gore ena o pholositswe. Jalo he, ena ke potso e e itsegeng mo menaganong ya rona: Nka amogela jang Botshelo jo Bosakhutleng? Jesu ne a re naya karabo e e motlhofo thata: Ammaaruri, ammaaruri, Ke lo raya ke re, Ena yo o utlwang lefoko la me, ebile a dumela mo go ena yo o nthomileng, o na le botshelo jwa bosafeleng, ebile a ka se tle mo katlholong; fela ena o fetile go tloga losong go ya ka mo botshelong. (Johane 5:24)

Ka bomadimabe, go na le batho ba le mmalwa thata mo lefatsheng gompieno ba ba etleetsegileng go tsaya nako mo malatsing a bona a a kgamathetsang go utlwa Lefoko la Modimo. Mme ebile ke ba le mmalwa go feta ba ba tlaa dumelang Lefoko fa bona ba le utlwile.

Dikereke di re bolelela gore re nne motho yo o siameng, re akanye ka mokgwa o o bontshang tshepo, o se ake, wa tsietsa, kgotsa wa utswa, mme rona re tlaa ya Legodimong. Bona ga ba lemoge gore bobipo bo tlaa bo bo tletse ka batho ba eketeng ba tshela matshelo a a siameng. Bonnete ke gore rona ga re tle go ya Legodimong ka ntlha ya ditiro tsa rona tsa tshiamo kgotsa ka gonne re leloko la kereke e e rileng. Go na le fela tsela e le nngwe ya go ya kwa Botshelong jwa Bosakhutleng, mme eo ke ka Jesu Keresete. O ne a re kaela gore re tshwanetse re DUMELE Lefoko la Gagwe, le e leng Baebele. Fa go se jalo, rona re ka bolokesega jang?

Motlhang letsatsi la katlholo le go tlelang, a wena o tlaa utlwa, Tlaya, wena yo o segofetseng wa ga Rara, rua bogosi jo o bo baakanyeditsweng go tloga motheong wa lefatshe, (Matheo 25:34) kgotsa a wena o tlaa utlwa, Tloga mo go nna, wena yo o hutsitsweng, go ya ka ko molelong wa bosafeleng, o o baakanyeditsweng diabolo le baengele ba gagwe? (Matheo 25:41)

Jaaka matlho a gago a bala go kgabaganya mafoko ano, wena o na le maitlhophelo a o tshwanetseng go a dira: A wena o tlaa tlhopha go dumela Lefoko la Modimo?

O ile go tshela bosakhutleng kae?







Metswedi

Jobe 14:12-16

Jalo he motho o a robala, a se ke a tsoge: ga ba thanye, le fa ba tsosiwa mo borokong jwa bone, go fitlhelela legodimo le khutle go nna teng.

Ekete o ne o ka mphitlha mo lebitleng, wa mpaya mo sephiring, go fitlhela bogale jwa gago bo time, e kete o ka mpeela sebaka, mme wa nkgopola!

Fa motho a swa, a ena a ka phela gape? foo nka bo ke tlaa leta malatsi otlhe a lobaka lwa me le le tlhomilweng, go tsamaya kgololo ya me e be e tle.

O tla bitsa, mme ke go arabe: o ka bo o tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.

Gonne jaanong o ne o bala dikgato tsa me: mme o se ke o tlhokomele sebe sa me?

Jobe 19:23-26

Ekete mafoko a me a ka bo a kwadilwe jaanong! Ekete a ka bo a gatisitswe mo bukeng!

Gore a ka bo a setilwe ka pene ya tshipi le ka lotwe mo lefikeng ka bosaeng kae!

Gonne ke a itse gore morekolodi wa me o a tshela, le gore o tla ema mo lefatsheng mo motlheng wa bofelo:

Mme le ntswa morago ga diboko tsa letlalo la me di sena go senya mmele ona, le mororo mo nameng ya me ke tla bona Modimo:

Matheo 7:21-23

Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, Morena, Morena, yo o tla tsenang mo pusong ya legodimo; fa e se ena yo o dirang thato ya ga Rrê yo o kwa legodimong.

Ba bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re, Morena, Morena, a ga re a ka ra porofeta ka leina la gago? ra ba ra leleka medemone ka leina la gago? ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse dikgolo ka leina la gago?

Mme foo ke tla ba raya ke re, ga Ke ise nke ke lo itse: tlogang fa go nna, lona badira tshiamololo.

Matheo 22:14

Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba tlhaotsweng ga ba banene.

Johane 3:16-17

Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwae yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.

Kana Modimo ga a a roma Morwae mo lefatsheng gore a atlhole lefatshe; mme e le gore lefatshe le pholosiwe ka ene.

Johane 5:24

Ammaaruri, ammaaruri, ke lo raya ke re, Yo o utlwang lefoko la me, ebile a dumela ene yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle go tsena mo katlholong; fela ena o dule mo losong a tshelela botshelong.

I Bakorinthe 2:9

Fela jaaka go kwadilwe, Leitlho ga le ise le bone, le tsebe ga e ise e utlwe, le e seng gore go kile ga tsena ka mo pelong ya motho, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.

I Bathesalonika 4:13-18

Bakaulengwe, ga ke rate gore lo tlhoke go itse, ka ga bone ba ba robetseng, gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo.

Gonne fa re dumela gore Jesu o ne a swa a ba a tsoga, le bone ba ba swetseng mo go Jesu Modimo o tla ba isa nae.

Gonne se re se lo bolelelang ka lefoko la Morena ke se, gore rona ba re tshelang re bile re salelang go tla ga Morena ga re kitla re raka ba ba robetseng.

Gonne Morena ka esi o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka phala ya Modimo: mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tla tsoga pele:

Morago ga moo rona ba re setseng re sa ntse re tshela re tla tsholelediwa kwa marung mmogo le bone, go ya go kgatlhantsha Morena mo loaping: mme jalo re tla nnela ruri le Morena.

Ka moo gomotsanang ka mafoko ano.