Johane 14:12

Ammaaruri, ammaaruri, Ke lo raya ke re, Yo o dumelang mo go nna, le ene o tlaa dira ditiro tse Ke di dirang; ebile o tlaa dira ditiro tse di kgolo go feta tsena; ka gonne Ke ya ko go Rrê.

Mareko 16:17-18

Mme ditshupo tsena di tlaa latela bao ba ba dumelang; Mo leineng la me ba tlaa kgoromeletsa bodiabolo ntle; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa;

Ba tla tsholetsa dinoga; mme fa ba nwa selo sepe se se bolayang, ga se nke se ba utlwisa botlhoko; ba tlaa baya diatla mo go ba ba lwalang, mme ba tla fola.


Botlhe ba rona re ka kgona go bula matlhare a Baebele ra bo re bona gore Modimo o diragatsa metlholo: Moshe ne a kgaoganya Lewatle le Lehubidu, Elia ne a bitsa leuba, Jesu ne a tsamaya mo metsing, mme barutwa ba ne ba fodisa ba ba lwalang.

Go na le dikete tsa ditiragalo tsa metlholo tse di gatisitsweng ka mo Baebeleng. Fa Modimo a supela ka metlholo le dkigakgamatso, ka ntlha eo metlholo ya Gagwe e kae gompieno? A Ena o kgona go fodisa kankere jaaka A ne a fodisa lepero mo Baebeleng? Ga tweng ka PHAMOKATE kgotsa letshoroma? A O santse a ka kgona go diragatsa motlholo? Ee, Modimo o santse a diragatsa metlholo ebile ditshupo tsena di latela bona ba ba dumelang.

Jaanong, lebang ditsala, akanyang ka ga Kgosi George wa Engelane, motlhang a ne a fodisiwa bolwetswe jwa go latlhegelwa ke taolo ya maikutlo le puo le motsamao ka ntlha ya go thatafala ga letlalo la disele tsa mmele, fa re ne re na le thapelo ka ntlha ya gagwe. Akanya ka ga Florence Nightingale, (mmaagwe mogolo, mosimolodi wa Red Cross), o ne a le bokete go batlile go nna jwa diponto di le masome a marataro, a robetse koo a swa ka kankere ya mala a mannye a mpa, a robetse foo a swa. Lephoi le le nnye le ne la fofela ka mo sekgweng foo mme Mowa wa Modimo ne wa tla wa bo o re, “MORENA O BUA JAANA, o tla tshela.” Mme ena o na le bokete jwa diponto di le lekgolo le masome a le matlhano le botlhano mo botsogong jo bo itekanetseng.

Akanya ka ga Leloko la phuthego-kgolo Upshaw a dutse a tshwaregile mo ditilong le bolaong ngwaga morago ga ngwaga, mengwaga e le masome a marataro le borataro. Mme gone ka motsotso wa nako a bo a ema ka dinao tsa gagwe, a siana go ralala kago, a kgoma meno ya gagwe ya dinao, mme ne a dirwa yo o itekanetseng ebile a siame.

Akanya fela ka ga dikete le dikete tsa batho ba ba nnileng ba fodisiwa. Gobaneng re dula fano go tsamaya re swa? A re direng sengwe ka ga gone.

Nna le tumelo fa o lwala kgotsa o na le letlhoko. Baebele ya re gore Jesu Keresete o tshwana maabane, le gompieno, le ka bosaeng kae, jalo he fa A ne a kgona go diragatsa motlholo mengwaga e le dikete tse pedi tse di fetileng, ka ntlha eo O kgona go dira se se tshwanang gompieno. O re solofeditse gore re fodisitswe, fa re ka dumela fela.

Congressman Upshaw

William D. Upshaw o ne a direla mengwaga e ferabobedi ka mo United States House of Representatives a bo a emela go nna tautona ka 1932. Kotsi ya kwa polasing e ne ya mo repetlanya fa a ne a le ngwana, mme o tlhotse a ntse mengwaga e le 66 gongwe mo diikokotleding kgotsa mo setilosekolonkothwaneng. Ka 1951, o ne a fodisiwa gotlhelele a bo a tsamaya ka boitekanelo botshelo jotlhe jwa gagwe.

 
Florence Nightingale

Florence Nightingale, lesika le le kgakala la ga mooki yo o tumileng, o ne ana le kankere e e isang losong ya mala. O ne a romela setshwantsho sena e le boikuelo jwa bofelo jwa thapelo pele ga kankere kwa mafelong e tsaya botshelo jwa gagwe. Jaaka o kgona go bona, o ne a le kwa ntlheng ya loso pele ga Morena Jesu a ne a mo fodisa ka 1950. Setshwantsho se se latelang se ne sa tsewa morago ga phodiso ya gagwe sa bo se romelwa jaaka bosupi jwa gore Modimo o santse a fodisa ba ba lwalang.


Tris Griffin

Tris Griffin o ne a ya kwa kantorong ya ngaka go sale gale ka 2013 ka ntlha ya botlhoko jwa mokwatla jo a neng a boifa gore bo ne bo ka kgona go nna tiragalo gape ya ntwa ya gagwe le kankere. MRI e ne ya bontsha “go segega le go bulega ga tshika ya konokono e e tsamaisang madi” mo pelong ya gagwe, mo go neng ga dira gore dingaka di dire diteko tse dingwe di bo di rulaganye nako ya go dirwa ga karo ya tshoganetso letsatsi le le latelang. Mola mo gare ga pelo mo setshwantshong ke legago le le bonagalang le le neng le kaya loso lwa ka bonako le le tlhomameng fa le ne le ka phatloga.

Letsatsi le le latelang, morago ga badumedi ba se na go mo rapelela, dingaka di ne tsa dira tlhatlhobo e nngwe ya CT go dirisiwa seipone go nankola lefelo la legago pele ga karo. Nako ena, ditshwantsho di ne tsa bontsha pelo e e neng e fodile gotlhelele. A maketse, ngaka e e dirang karo e ne ya bolelela Mmê Griffn, “Nna ga ke itse se nka se go bolelelang. O nnile wa nna le go segega le go bulega ga tshika ya konokono e e tsamaisang madi go tloga mo pelong, fela jaanong bosupi jotlhe ga bo sa le yo.” O ne a mmontsha ditshwantsho pele ga thapelo, a tloga a mmontsha le morago. “Wena o gololesegile go tsamaya, mme kana, ga go na le e leng tshupo ya kankere. Wena o mo botsogong jo bo itekanetseng.”

 

Motswi wa ngaka o supile kwa tshikeng e kgolo e e tsamaisang madi go ya ko mmeleng, e e leng lefelo le le ntsho, le le kgolokgwe mo bogareng ga setshwantsho. Mola o o kgabaganyang o tshwaraganya dihuku o o fetang mo gare ga gone ke lefelo la go ruruga mo go golo mo lomoteng lwa tshika, kgotsa “legago” la tshika ya konokono e e tsamaisang madi, le le tlhokang learo la ka bonako ebile e le le le bakang loso fa le ka phatloga. Setshwantsho sa bobedi sa seipone se ne sa tsewa letsatsi le le latelang. Legago le ne le nyeletse ka botlalo ebile ne la se ka la boa le ka motlha ope.

Metswedi

Pesalome 103:2-3

Segofatsa MORENA, Oho mowa wa me wa botho, mme o se lebale dithuso tsotlhe tsa gagwe:

Yo o itshwarelang maikepo a gago otlhe; yo o fodisang makoa a gago otlhe;

Isaia 53:5

Fela o ne a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, o ne a teketelwa maikepo a rona: petso ya kagiso ya rona e ne e le mo go ene; mme ka dingalo tsa gagwe re a fodisiwa.

Mareko 16:17

Mme ditshupo tsena di tlaa latela bone ba ba dumelang; Ba tla kgarameletsa medemone ntle ka leina la me; ba tla bua ka diteme tse dintšhwa;

Luka 17:6

Mme Morena ne a re, Fa lo ka bo lo ne lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka nna lwa raya setlhare se sa mmurubele lo a re, Kumoga ka medi, mme o tlhomege mo lewatleng; mme se ka lo utlwa.

Johane 14:12

Ammaaruri, ammaaruri Ke lo raya ke re, Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; ebile o tla dira ditiro tse dikgolo bogolo go tse; ka gonne Ke ya kwa go Rrê.

I Bathesalonika 1:5

Gonne Efangele ya rona ga e a ka ya tla ko go lona ka lefoko fela, fela gape le ka thata, le ka Mowa o o Boitshepo, le ka tlhomamo e kgolo; jaaka lo itse gore ke mohuta ofeng wa batho o re neng re le one mo go lona ka ntlha ya lona.

Bahebere 2:3-4

Rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo; e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, ra ba ra e tlhomamisediwa ke ba ba mo utlwileng;

Modimo o ntse o supa mmogo le bone, ka ditshupo le dikgakgamatso, le ka metlholo ya mefutfuta, le dikabo tsa Mowa o o Boitshepo, ka fa thatong e e leng ya gagwe?

Bahebere 13:8

Jesu Keresete yo o tshwanang maabane, le gompieno, le ka bosaeng kae.

Jakobo 5:15

Mme thapelo ya tumelo e tla thusa yo o lwalang, mme Morena o tla mo tsosa; mme fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.

I Petoro 2:24

Yo neng a belegela maleo a rona ka boene ka mmele wa gagwe kwa sefapaanong, gore rona, re neng re le ba ba suleng ntlheng ya boleo, re tshelele tshiamo: yo le fodisitsweng ka dingalo tsa gagwe.